Breaking News

Kwa Khakhea ba kopa ka dikolotsana

30 Aug 2015

Batlhokomedi ba bagodi ba ba dingwaga tse di lekgolo le go feta kwa Khakhea ba ikuetse mo mekgatlhong ya bobelotlhomogi le puso go ba thusa ka dikolotsana go pega bagodi.

Mo potsolosong bosheng, mongwe wa batlhokomedi bao, Mme Kegomoditswe Barateng, yo o tlhokomelang mogolo yo o dingwaga tse di lekgolo le motso, o tlhalositse fa kolotsana e ka tlhofofatsa tiro ya go mo tlhokomela.

Mme Barateng o tlhalositse fa a patelesega go tsholetsa nkukuagwe mo le gone go setseng go mo tsenya bokoa. O ne gape a tlhalosa gore ka jaana le ene a setse a tsenwe ke bokoa ka ntata ya go tsholetsa mosadimogolo, dinako tse dingwe mosadimogolo o tlamega go gogobela kwa a batlang go ya teng.

O supile fa selo se, se tsenya mosadimogolo bokoa le go feta ka jaana a imelwa ke motlhaba o o fitlhelwang mo motseng oo.

Fa a tswa la gagwe, Mosadimogolo Mma Kgwathang o tlhalositse fa kolotsana e tlaa mo thusa ka jaana a sa kgone go ya gope ka ntlha ya ditlhabi tsa bogodi tse di akaretsang go lwala ga mokwatla, lotheka le go thuba ga mangole.

O gateletse fa kolotsana e ka mo tlhofofaletsa le go tsena diphuthego tsa motse, a kaya fa a eletsa go kopana le Tautona. O kaile fa go tlhoka kolotsana go mo kganela le gone go bona matona a puso le go utlwa ka mananeo a a ka tokafatsang botshelo jwa gagwe. “Ke batla go thusiwa ka kolotsana gore fa Tautona a tla Khakhea ke ye go mmona ke mo tshware ka letsogo.”

Motlhokomedi yo mongwe, Mme Suzan Inajame yo o tlhokomelang mme Selalelo Inajame yoo dingwaga tse di lekgolo le bone, o ne a tlhalosa gore mo godimo ga kolotsana o eletsa go ka rutwa ka tlhokomelo e a ka e neelang mmagwe.

Mme Inajame a re go rutwa ka tlhokomelo go tlaa thusa gore mosadimogolo a seka a akanya thata ka bokoa jo bo tsileng le bogodi.

Batlhokomedi ka bobedi ba ne gape ba kaya fa thuto ya go sidila basadibagolo e ka thusa. Ba re kitso e e tseneletseng e ka thusa go tokafatsa botsogo jwa basadibagolo ka jaana ba nna ka ditlhabi. Batlhokomedi ba kaile fa ba segofetse thata gore ba bo ba tlhokomela bagolo ba ba fetileng dingwaga tse di lekgolo mme e bile le bone ba eletsa go tshela lobaka ka jaana go sa tlhole go le motlhofo gore motho a goroge mo dingwageng tse di lekgolo ka ntlha ya makoa a sesha.

Ba ne ba tlhalosa fa go nna fa tlase ga basadibagolo ba, go ba rutile gore bopelotelele, boikobo le tlotlo ke tsone tse di ka tlodisang motho dinoka tsa botshelo le gone go okelediwa dingwaga tsa botshelo.

Bobedi joo, bo ne jwa gakolola banana ba ba ka tswang ba na le bagolo ba ba tlhokang tlhokomelo go ba tlhokomela ka lorato le boikobo ka jaana ba tlaa ithuta go le gontsi mo go bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Segomotso Lemme

Location : Khakhea

Event : Potsolotso

Date : 30 Aug 2015