Khansele potlana e atla megopolo ya go ithola ditiro
30 Aug 2015
Khansele-potlana ya Palapye e dumelane le pego ya go ithola ditiro dingwe le go batla metlhala ya go direla khansele madi , morago ga go supa fa dintlha dingwe mo go yone di tshwanelwa ke go elwa tlhoka ka di ka koafatsa tirisano mmogo ya yone le setshaba.
Erile a rolela khansele-potlana eo ka tse di akantsweng morago ga gore go tlhomiwe lekoko go itebaganya le dikgang tse di latedisiwang go tla ka maano le methale e khansele e ka itirelang madi ka yone, le gone go neela ditiro dingwe dikompone tse di ikemetseng, Batswana ba ba ipopileng ditlhopha kana batho ka bongwe ka bongwe.
Mothusa mokwaledi yo mogolwane wa kgaolo-potlana ya Bobirwa, ebile e le modulasetilo, a eteletse pele lekoko la batho ba le barataro Rre Lopang Pule a re ba tsisitse thomo e ba e romilweng ke boeteledi pele ebong one makhanselara.
E ne ya re a rola pego eo Rre Pule a tlhalosa fa moono wa kgang e le go itebaganya ka mashetla le se se ka dirwang go bona letseno la madi, ka maikaelelo a go tla ka methale yotlhe ya phutho ya madi go oketsa bonyennyane jo bo phuthiwang ke khansele ya Legare.
Rre Pule o ne a tlhalosa fa ba ne ba dira jalo ba setse dingwe ditsetlana morago, tse di ba thusitseng go tla ka pego eo, jaaka go dira ditshekatsheko mo dikarolong tse madi a tsenang ka tsone, le go tsenya leitlho thata mo mhameng o ba bonang o na le seabe se se bonalang mo phuthong ya madi.
Ntlha e nngwe o ne a re ke go sekaseka dikarolo dingwe tse di setseng di neetswe dikompone ke batho go di direla khansele, le go lebelela se ba ka se dirang go di nitamisa, le gone go bona methale e mesha e e ka gagamadiwang mo go phutheng madi.
O ne a tlhalosetsa khansele fa puso e imelwa ke go tsamaisa dikhansele, morago ga go lemoga fa masome a robabongwe mo lekgolong a madi a dikhansele e le madi a a tswang mo pusong fa lesome mo lekgolong la madi a dikhansele e le one fela a ka nako eo dikhansele di kgonneng go a itirela.
O boletse gore dikhansele legale di ne tsa koafadiwa ke go ntshiwa ga makalana mangwe mo go tsone jaaka phatlalatso ya metsi e jaanong e dirwang ke dikompone tse di ikemetseng. A re phetogo ya go nna jalo e ne ya kokonela letseno la madi a dikhansele mo seelo sa go bona madi sa dikhansele se neng sa wela kwa go boraro go ya kwa boneng mo lekgolong.
O ne a supa fa kgang ya go batla metlhala ya kafa dikhansele di ka dirang madi ka teng e se kgang e ntsha, ka e ne ya buiwa thata ka 2002. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : Palapye
Event : Bokopano jwa khaansele
Date : 30 Aug 2015






