Moselewapula o epiwa go sale gale
30 Aug 2015
Komiti ya boipuso kwa Mogoditshane e setse e tlhagola tsela ya go ipelela letsatsi la boipuoso jwa lefatshe la Botswana. Lefatshe leno le tla a ipelela dingwaga tse di masome a mane le borobabongwe ka kgwedi ya Lwetse e ya fifing.
Komiti e, e kopana Laboraro wa beke nngwe le nngwe go buisana le go lekodisana ka fa dipaakanyo di tsweletseng ka teng go yeng ka ditlhophana tse ba ikgaogantseng ka tsone. Mo ipaakanyong ya bone ba ikaelela go shafatsa pente ya leobo la kgotlakgolo ya bone.
Tiro e ya go penta e ithaopetswe ke monana ebong Ronald Rakwadi, yo o tlhalositseng fa a tlaa shafatsa le mokwalo wa leobo le o o reng, ‘Botswana pele’. Rre Rakwadi a re o tlaa dira ntle le go lopa tuelo kgotsa katso epe.
Ka letsatsi le, ba ikaelela go nna le badiragatsi ba mmino wa dikhwaere, mmino wa Setswana le ba ba letsang dikatara tsa Setswana tse ba reng di itsege ka leina la serope sa pitse. Badiragatsi ba e tlaa bo e le bana ba Mogoditshane fela. Rre Sekhala Barolong yo e leng leloko la komiti e, o kgothaditse bangwe ka ene go ikitaya ka thupana go netefatsa gore sengwe le sengwe se eme ka maemo fa letsatsi leo le goroga.
Kgosi Baisang Dihutso o tlhalositse fa le bone e le magosi a Mogoditshane ba sa battle go salela kwa morago. Kgosi Dihutso o boletse jalo mo potsolotsong, a re le bone ba kopana Laboraro o mongwe le o mongwe go bona gore b aka thusa morafe jang.
Kgosi Dihutso a re ka letsatsi la boipuso tsholofelo ke gore morafe o tle o apere kapari ya Setswana, a tlatsa ka gore go tla nna le dikgafela fela jaaka e le tlwaelo ya bone. A re mo ngwageng e e tlang o eletsa gore dikgafela di seka tsa kopana le boipuso, selo se a reng o santse a tlaa se buisana le morafe wa gagwe go sekaseka kgwedi e ba ka dirang dikgafela ka yone.
Kgosi Dihutso o ne a wetsa ka go kopa morafe go tsosa maoto mo ipaakanyong ya bone go tlhomamisa gore sengwe le sengwe se ya go tsamaya goyeng ka fa a eleditseng ka teng, a bo a ba akgolela tirisanyo mmogo e ba nang le yone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Bontle Keipeile
Location : Mogoditshane
Event : Bokopano
Date : 30 Aug 2015






