Kgosi Martin o atla lenaneo
31 Aug 2015
Kgosi Nagano Martin wa Paje mo kgaolong ya Legare o akgoletse puso go simolodisa lenaneo le mo go lone batho ba ba tshelang ka bogole ebile ba sa kgone go itirela sepe mo botshelong ba tla a atswiwang ka makgolo a mararo kgwedi le kgwedi.
Kgosi Martin o buile jalo mo potsolosong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng a tlhalosa fa ditshekatsheko go kwadisa ba-na-le bogole ba ba sa itireleng sepe di tsweletse sentle ka tshwaragano ya bone le komiti ya ditlhabololo tsa motse.
A re go bo puso e bone go tshwanela go simolodisa lenaneo le ke sesupo sa gore e kgathala ka matshelo a Batswana e bile e le mangwe maiteko a magolo a go gatela pele go fitlhelela maikemisetso a tebelopele ya 2016 a go nna tshaba e e kutlwelo botlhoko.
O tlhalositse gape fa seo e le go lemoga boleng teng jwa ba-na-le bogole mo setshabeng ebile se se tlaa ba fa seriti mo botshelong jwa bone. Kgosi Martin o ne a kgala a sa kgwe mathe batho bangwe ba ba nang le mowa o o bosula wa go baya batho ba ba tshelang ka bogole kwa mahure.
A re go dira jalo ke go tsuulola ditshwanelo tsa batho ba go nna jalo tsa setho. O bile a kopa ba ba dirang jalo go emisa mokgwa oo a re mo-na-le bogole ga a farologane ka gope le motho mongwe le mongwe.
E ne ya re fa a itebaganya le batlhokomedi ba batho ba ba tla thusiwang ka madi ao, a ba kopa go sa dirisa madi ao botlhatswa. A re madi ao a diretswe gore a thuse batho ba go nna jalo go ithusa fa ba neng ba sa kgone teng gore kgabagare matshelo a bone a tokafale.
E re dikgang di eme jalo, Kgosi Martin o ne a tlhalosa fa mananeo a mangwe a puso e ikemiseditseng go namola Batswana mo lehumeng a tsweletse ka go dira sentle.
O ne a kgothatsa banni go tswelela ba tsenya moko mo nameng go bona gore ditiro tsa bone ga di phutlhame ka jaana go di leseletsa di phuthama e tlaa bo e le go senya madi a puso e a dirisitseng go ba tlodisa dinokana di tletse.
Fela Kgosi o ne a kopa banana ba motse wa gagwe go ikitaya ka thupana go akola mananeo a a leng teng. A re dipalo tsa bone di boutsana fela thata go tsaya tsia mananeo ao le ntswa a ka ba tlhatlosa mo botshelong segolo bogolo ka letlhoko la ditiro le amile bone thata. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mariam Onyafetse
Location : Paje
Event : Potsolotso
Date : 31 Aug 2015






