Breaking News

DBES e neela mogodi lorato

30 Aug 2015

Lephata la dikago le boranyane mo Bobonong erile bosheng la apaya dijo gammogo le go phepafatsa lelwapa la ga Mme Goitsemodimo France mo motseng oo.

Fa a bua mo potsolosong, mogolwane wa lephata leo mo Bobonong Mme Babedi Kebonang o tlhalositse fa go apaya dijo le go phepafatsa moo e le tsela nngwe ya go araba selelo sa ga Tautona sa go rotloetsa maphata a puso go neela batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng gammogo le ba-na-le-bogole lerato.

O tlhalositse gape fa go phepafatsa le go apaya dijo moo e le tsela nngwe ya go isa ditirelo tsa lephata kwa setshabeng. Mme Kebonang o tsweletse a tlhalosa fa ba tlhophile lelapa la ga Mme Goitsemodimo France ka a na le ngwana wa mo-na-le-bogole.  A re e le ba lephata la dikago le boranyane ga ba a itebaganya fela le tiro ya go aga le tsa boranyane.

Mme Kebonang o kaile fa tiro e tshwana ya go phepatsa e dira gore setshaba se lemoge botlhokwa jwa bone e le lephata.

O supile fa ba setse ba kile ba aga, ba phepafatsa le go abela ba-na-le-bogole gammogo le bao ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng diaparo le melora mo metseng e tshwana Bobonong, Semolale, Mathathane, Tsetsebye le Robelela.

Fa a tswa la gagwe mongwe wa badiri ba lephata leo Rre Total Masitlha o kaile fa lephata la bone le aparetswe ke dikgwetlho ka ba dirisa madi a bone go thusa ba-na-le-bogole le bao ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. O rotloeditse maphata a mangwe a puso go ema ka dinao mo go thuseng batho ba lefatshe leno.

Fa a latlhela la gagwe Mme Goitsemodimo France o lebogetse lephata la dikago le boranyane tiro ya go phepafatsa lelapa la gagwe gammogo le go tlhola le ene a tlatsa ka gore seo ke mowa wa go supa lerato.

O ikaile fa e le motho yo o tshelang ka bokoa a tlatsa ka gore go phepafatsa lelapa la gagwe ke tiro e e bokete mo go ene. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Moses Moleboge

Location : Bobonong

Event : Kabo Dimpho

Date : 30 Aug 2015