O itlhotlhora lehuma ka go loga le go betla
30 Aug 2015
Rre Goitsemang Radikoko yo a dingwaga tse di masome a supa le motso wa motse wa Mogorosi mo kgotleng ya Kgosing, ke mongwe wa Batswana ba ba nang le tumelo e e tletseng ya gore metlhale ya khumo e mentsi e tlhoka balatedi fela.
Fa a bua mo potsolosong le BOPA bosheng, Rre Radikoko o boletse fa a sale a tsene mo kgwebong ya go betla le go loga mo dingwageng tse di masome a mane tse di fetileng.
Ka jalo o tlhalositse fa go betla dintshwana, diphetlho, dikika le metshe le gone go loga ditlatlana le disigo e ne e le tiro ya tsatsi le letsatsi ya ga rraagwe fa ba le kwa madisong.
O tlhalositse fa rraagwe a ne a rekisetsa batho e le yone tsela e ba neng ba itlodisa melatswana ka yone le ba lelwapa lwa gagwe.
“Ntate e ne e le motho yo o tshelang ka go itirela ka diatla re ka se kake ra lala ka tlala ka lepe la matsatsi,” a bua jalo rre Radikoko a tlhalosa fa seo se ne sa mo gwetlha go kwatabolotsa botsipa joo mo go rraagwe gore kgabagare le ene a tle a itshetse ka a ne a lemogile fa go dira ka diatla go na le molalatsa.
A re e ne e re fa rraagwe a ya go batla legong le a le dirisang go betla le go kgetla bojang jo a logang ka jone, o ne a sa ipone tsapa go tsamaya le ene.
O boletse fa ba ne ba dirisa setlhare sa monamane ka se se thata go betlega, fa bojang ba ne ba kgetla randafole.
A re nako nngwe ke fa a kgomotha lefetlho a tlhalosa fa seo se ne sa kgatlhisa rraagwe leitlho ka jaana o ne a mo ruta ka iketlo go fitlhela a kapa.
A re mo tsamaong ya nako e ne e re a leba legong a be a setse a dule ka tlhaloganyo gore o ka le dirang mo nakong e khutshwane a bolela ba ne ba dira jalo ka lerato le rraagwe ba tsentse moko mo nameng mme didirisiwa tse ba neng ba di betla dine di rekwa mo go nametsang.
Rre Radikoko o boletse fa mo nakong eno rraagwe a setse a hulere mme o tlhalositse fa a ne a seka a gadima kwa morago a tsweledisa mosepele wa go itshetsa ka diatla. A re o bona tlhotloetso e ntsi mo morafeng le ba ba etelang motse wa gagwe a tlhalosa fa bangwe ba dirisa didirisiwa tse a di dirang e le mekgabisa.
A re o kgona go tlamela ba lelwapa la gagwe ntleng le matshwenyego. O boletse fa go betla le go loga e le nngwe tsela e ba ka e dirisang go somarela ngwao ya lefatshe leno.
O bile a gwetlha bangwe ka ene go tsaya malebela mo go ba bangwe ka dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mariam Onyafetse
Location : Mogorosi
Event : Potsolotso
Date : 30 Aug 2015






