Breaking News

Ba kgotlhaditswe go tlhwaafalela thuo ya dikgaka

30 Aug 2015

Modiri wa lephata la diphologolo Rre Obusitswe Rakhuna o kgotlhaditse banana go tsaa thuo ya dikgaka ka tlhwaafalo.

O ne a kgotlhatsa banana ba ba mo tirelo sechaba ba ba ikatisetsang go direla mo lephateng la diphologolo bosheng mo Molepolole. Rre Rakhuna a re dikgaka di bogadi bo gaufi ebile ga se gantsi di utswiwa

A re mae a dikgaka le one a na le  dipoelo tse di nametsang thata ka a rekisiwa ka ditlhwathwa tse di botoka thata. One a tswelela ka gore dikgaka di rata bonno jo bo phepa e bile di sa tshwanela go tlhakanngwa le dikoko ka di sa tsamaisane sentle.

O tsweletse ka gore go tsena mo kgwebong ya  dikgaka ga go  dingalo ka motho a ikopanya fela le ofisi ya diphologolo le ya banana go isa kopo ya gagwe go ya go  sekasekiwa pele aka thusiwa. 

Rre Rakhuna o ne gape a gakolola gore gase diphologolo tsotlhe tse di duelelwang fa di senyeditse motho mo masimong.

A re diphologolo di tshwana tau,tlou,kubu,nare di duelelwa ka e bile di le borai mo matshelong a batho.

Fa ba akgela banana ba ne ba supa fa ba ithutile gole gontsi ka ba ne ba sa tlhaloganye thata ka thuo ya dikgaka le ka melawana ya go tsaa diteseletso tsa go tsoma. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : George Ntshane

Location : Molepolole

Event : Bokopano

Date : 30 Aug 2015