Ba lwantsha bogodu jwa leruo
30 Aug 2015
Bogodu jwa leruo mo merakeng le masimo a a dikologileng motse wa Molepolole bo tshwentse setshaba. Pelaelo ke gore dirukutlhi tse di ka tswa di ipopile digongwana tse di utswang leruo di dirisanya le bagwebi bangwe ba marikesetso a nama.
Mo potsolotsong le BOPA, mogolwane wa mapodise a Molepolole, Superintendent Tawana Tawana a re mo maitekong a bone a go lwantsha borukutlhi jo, ba dirisana le makgotla a ka nna mane ka palo, a a bopilweng ke banni ba motse go thusa mo twantshong ya jone.
Ka makgotla a a ikemiseditse go nna matlho a sepodisi, fa a leng teng maduo a a bonala ka jaana a kgona go loma mapodise tsebe ka nako go tshwara dirukutlhi tse. Tawana a re go utswiwa dipodi thata, ntswa le dikgomo di a tle di utsiwe.
O bolela fa dipalo di kaya gore go tswa ngwaga ono o simolola go fitlha ka Seetebosigo go setse go gatisitswe dikgetsi tsa bogodu jwa leruo di le masome a supa le botlhano. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Bakgoeng
Location : Molepolole
Event : Potsolotso
Date : 30 Aug 2015






