Bomme ba kgothadiwa go ikanoka
27 Aug 2015
E re ka kgwedi e e le ya bomme ebile e ya bokhutlong, bomme ba thapelo ba gakolotswe go ikanoka mo dipelong mme ba gopole ba ba tlhokang.
Se se builwe ke mothusa modulasetilo wa khansele ya kgaolo ya Ghanzi Rre Greg Losibe gompieno, mo kgotleng ya Ghanzi jaaka mokgatlho wa bomme wa kereke ya African Methodist Episcopal ba ne ba abela Mme Rodah Baumake dihutshane. Rre Losibe a re bomme ba tshwanetse ba itshekatsheka mo dipelong tsa bone mme ba nne le mautlwelobotlhoko mo go ba bangwe.
O tsweletse a ba kgothatsa a re go aba ke go supa lorato; a tlhalosa gore e re ka jaana motho e le sekao sa Modimo, go aba ga bomme ba thapelo ba kereke ya Methodist go supa lorato lwa Modimo mo go bone.
Mme ka jalo Rre Losibe o ne a galaleletsa mokgatlho wa bomme ba kereke e, a re le bone ba tshwanetse ba ipelela go aba ga bone.
Mme o ne a gakolola gore go aba ga go a tshwanela go dirwa ka go bo go gabilwe sengwe, mme a re e tshwanetse ya nna go aba ga mautlwelobotlhoko le bopelotlhomogi mo setshabeng. O ne a kgothatsa lelwapa le le abetsweng; a re ba lesego thata ka mpho e ba e neetsweng ke Modimo go tswa go ba Methodist.
Rre Losibe a re o solofela gore mpho eo e tlaa ata ka jaana e le dipodi mme a tlhalosa fa dihutshane di le bogadi bo gaufi segolo bogolo mo kgaolong ya Ghanzi.
Mme ka jalo o ne a kgothatsa thata Mme Baumake a re a tlhokomele dipodi tseo gore di ate, e tle e re motlha mongwe le ene a kgone go abela mongwe. Mme le fa go ntse jalo, Bishop John White wa kereke ya Methodist mo Botswana o tlhalositse fa e le motheo wa kereke ya bone go abela bao ba ba tlhokileng lesego.
Moruti White a re kereke e netefatsa gore batlhoki ba tlhokomelwa fela jaaka e le tsamaiso ya Baebele le lefoko la Modimo gore ba ba tlhokang ba tlhokomelesege.
O ne a leboga bomme ba Methodist ka tiro e ba e direlang batho ba Modimo mme a re e le kereke ga ba lebe fela maloko a Methodist mme ba atolosa letsogo kwa go ba ba kwa ntle ga Methodist. E rile a mo tlatsa, Moruti Nicollete Aedige wa Methodist mo Ghanzi a re go aba go tshwanetse ga dirwa ka lorato le pelo eseng ka mabela.
Moruti Aedige a re batho bangwe fa ba aba ba dira ka gore ba bonwe, mme a re seo ga se go aba ka pelo ya mautlwelobotlhoko le lorato la Modimo.
O ne a gakolola bo mme ba thapelo go ikokobetsa fa pele ga Modimo mme ba dire tiro ya Modimo ka bopelotlhomogi eseng maikgantsho. O tlhalositse fa mongwe le mongwe e le mohumi mo setshwanong sa Modimo; mme a gakolola gore seemo sa botshelo ga se a tshwanela go fetola seo.
Mokgatlho wa bomme wa kereke ya Methodist o na le maitlamo a ba berekang ka one go direla setshaba, morafe le yone kereke. Modulasetilo wa mokgatlho wa bomme ba Methodist mo Botswana Mme Seakanyeng Motswakae o tlhalositse gore ba na le matshego a le mane a ba ikaegileng ka one e le kereke.
A re ke letshego la go okela batho mo kerekeng, letshego la go tsamaisa kereke le mokgtalho wa bo mme, letshego le le fang dithuto di akaretsa mananeo a puso le tsa selegae.
Mme Motswakae a re go abela batlhoki go tswa mo letshegong la Sekeresete le tirisano mmogo le setshaba. A re ba tshwanetse ba berekela kereke, morafe le setshaba; ke ka moo ba neng ba itshwaraganya le boora Baumake go supa lorato la Modimo ka go ba abela dipodi di le tlhano.
Mme a re se se supa tshwaragano e kereke e nang le yone le puso, mme ba thusa puso nngwe ya maitlamo le matshego a puso a tebelopele ya 2016. Ends
Source : BOPA
Author : Ketshepile More
Location : Ghanzi
Event : Kabo dimpho
Date : 27 Aug 2015






