Batswana ba kopiwa go dirisa metsi ka keletlhoko
27 Aug 2015
E re ka jaana lefatshe la Botswana le lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le letlhoko la metsi le tlhaelo ya motlakase, Batswana ba kopilwe go dirisa metsi ka keletlhoko.
Erile mogolwane go tswa kwa komponeng ya metsi ya Water Utilities Corporation, Mme Boitumelo Kgaodi a buisa phuthego ya kgotla kwa kgotleng kgolo ya Bakgatla kwa Mochudi ka Laboraro go ba lekodisa ka lenaneo le lesha la go kgaola metsi, a supa fa matamo a Gaborone le Bokaa a sena metsi mme seo se oketsa tlhaelo e e ntseng e le teng gale.
A re tlhaelo e e pateletsa lephata la metsi go tla ka ditsela tse ka tsone ba ka fokotsang tiriso ya metsi go ya ka dikgaolo ka go farologana ga tsone gore mo malatsing a a rileng, metsi a tlaa emisiwa sebakanyana mme morago a busediwe. Mme Kgaodi a re go fitlha ka jaana Gaborone le dikgaolo tse di mabapi di nwa metsi go tswa ko letamong la Bokaa le le setseng le sena sepe, le la Molatedi a ebileng a thusiwa ka metsi ke North South Carrier Scheme 1.
O ne a tlatsa ka gore metsi a mangwe a tswa mo kgaolong ya Kgatleng ko Masama mme ebile ka lebaka la tlhaelo ba simolotse go oketsa didiba kwa bophirima jwa masama go thusa seemo sa metsi.
O ne a kopa setshaba go emisa go nosa leruo metsi a a tswang mo dipompong tsa malapa a ba a kopa gore batho ba emise go tlhatswa dikoloi ka mathombo.
Mme Kgaodi a re go tlaa simololwa go kgaolwa metsi malatsi a le mane mo bekeng mo kgaolong ya Kgatleng ka jalo a kopa setshaba go itse ka dilo tse gore ba seka ba gakgamala ka jaana seemo se bifela pele. O ne a supa fa ba tlaa kgaola metsi mo kgaolong e ka Labobedi, Laboraro, Labotlhano le matlhatso e le tsela ya go fokotsa tiriso ya metsi.
Kgaodi o kopile Batswana go ba itsise ka tshologo ya metsi mme ba tlaa leka ka bojotlhe go potlakela dikgang tseo le fa ntswa ba na le dikgwetlho di tshwana letlhoko la dikoloi.
E re dikgang di eme jalo, mogolwane wa metsi mo kgaolong ya Mochudi o ne a lemotsha setshaba fa go nnile le koketsego ya ditlhwatlhwa tsa metsi go simolola ka go tsenya metsi mo lapeng le dituelo tsa one. Mme Kgaodi a re pele motho o ne a lopiwa P1500 ko tlase ga dimmithara tse 50 mme jaanong go okeditswe ke P1540 fa o ikepela mosele mme fa ba go epela ke P2 000.
O tlhalositse gape gore fa o tsenya metsi go feta dimmithara tse 50 ba go lopa P27 mmithara o le mongwe.
A re go santse go na le dikgwetlho tsa go romelela batho ditlhwatlhwa tsa dituelo tsa metsi ka setshaba se sa di bone mme a supa fa ba le mo dipuisanong le ba ba maleba go bona gore matsapa di a tsaya kae. Mme Kgaodi o ne tlatsa ka gore bangwe batho ga ba bonale mo dibalamakgolong tsa bone mme o kopile bodiredi gore ba ba thuse gore ba duele metsi go na le gore sekoloto se oketsege.
A re setshaba se seka sa tshaba go tlatsa difomo kwa diofising tsa bone fa ba tsile go duela metsi ka gore ba eletsa go tokafatsa ditirelo tsa bone jaaka go romelela monwi wa metsi molaetsa gore sekoloto sa metsi ke bokae.
Morafe o ne wa nna bete se molangwana ka tiego ya go baakanya metsi le fa kompone ya metsi e begetswe ka thubego ya mathomobo a bone. Ba re gongwe nako e tsile ya gore Batswana ba rapele ka gore Modimo ke ene fela a ka thusang go nesa pula mo dinakong tse di thata tse.
Rre Pheko Phetlo o ne a kopa lephata go tsiboga ka bofefo fa metsi a tshologa gore tlhaelo le yone e laolesege e seng go tsaya lebaka jaaka ba dira gompieno.
Rre Thapelo Ferguson a re nako e tsile ya gore metsi a a elelang a sa bolokiwe a batlelwe tsela ya go a baya mo sebeelong ka a thusa mo dinakong tsa lenyora. A re metsi a a tswang mo dithabeng le a a kgokologang le ditsela a tshwanetse a batlwelwa maano ka a ka thusa setshaba.
Rre ferguson a re a dikago le tsone di simolole go direlwa mabeelo a metsi gore go se nne le metsi a a itsamaelang fela mme a felela mo mmung. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Mochudi
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 27 Aug 2015






