Dikole tsa bananyana di botlhokwa
27 Aug 2015
Dikolo tsa bananyana di botlhokwa ka di thusa bana go ithuta ba sena kgatelelo fa ba setse ba dira lekwalo la ntlha kwa dikoleng tse di potlana.
Fa a bua mo potsolosong ka Mosupologo, Mme Winnie Selema yo e leng morutabana kwa sekolong sa bananyana sa King Zone Day Care Centre mo Bobonong o tlhalositse fa go isa bana kwa dikoleng tsa bananyana go le botlhokwa ka di ruta bana go itlhokomela gammogo le go ithuta sentle fa ba simolola lekwalo la ntlha. O tlhalositse fa bana ba ba tseneng dikole tsa bananyana ba dira sentle mo dithutong kwa dikoleng tsa di botlana go na le ba ba iseng ba di tsene.
Mme Selema a re ba ruta dithuto di tshwana dipalo,maranyane gammogo le go ba ruta ka mefuta ya diphologolo.
O tlhalositse gape fa ba ruta bana go bua sejatlhapi (English) ka sejatlhapi se utlwa ke mongwe le mongwe a tlatsa ka gore seo se neela bana tshono ya go ka tsalana le bangwe ka bone. Fa a latlhela la gagwe mongwe wa barutabana kwa sekoleng seo, Mme Gaone Mooketsi o tlhalositse fa sekole sa bone se tsaya bana ba ba dingwaga tse pedi go ya go tse tlhano.
A re fa ngwana a le dingwaga tse pedi kana tse tlhano o a bo a setse a tlhalefile go na le yo o dingwaga tse di kwa tlase.
Mme Mooketsi o tlhalositse fa go isa bana kwa dikoleng tsa bananyana go le botlhokwa ka go neela ngwana mowa wa botsalano. O rotoeditse batsadi go isa bana kwa dikoleng tsa bananyana ka gore go dira jalo go tlhofofaletsa bana go ithuta sentle ba sena kgatelelo. Ends
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : Bobonong
Event : Potsolotso
Date : 27 Aug 2015






