Tlhaelo ya matlo a borutelo e a tshwenya
27 Aug 2015
Mothusa mogokgo mo sekoleng se se botlana sa Nhake mo Tsabong ,Mme Nnuku Lorekang a re ba tshwengwa ke tlhaelo ya matlo a borutelo le mochine o o ntsifatsang dipampiri mo sekoleng sa bone tse di felelang di diga maduo a sekole seo.
Mme Lorekang o buile se bosheng mo phuthegong ya batsadi le barutabana e maikaelelo a yone e neng e le go tla go buisana ka maduo a sekole seo a mephato yotlhe, dikgwetlho tse barutabana ba kopanang le tsone mabapi le baithuti go tlhophiwa ga komiti e ntsha le tse dingwe.
Mothusa mogokgo o ne a tswelela ka go tlhalosa fa mophato wa lokwalo lwa bone ba le masome a ferabongwe le bone mme bana ba kgaogantswe ka ditlhopha di le tharo e leng Seetelo, Tsabong le Nhake.
O kaile fa baithuti ba sekole seo botlhe ba ka nna makgolo a matlhano le masome a mane go simologa ka mophato wa ntlha go ema ka wa bosupa mme ka ntlha ya tlhaelo ya matlo a borutelo bana bangwe ba tshwanelwa ke go rutelwa mo ofising ya barutabana.
Mme Lorekang o ne a kaya fa ba roletse ba khansele letlhoko la bone mme ba kaile fa mo nakong ya gompieno go sena madi a a ka agang matlo a borutelo a mangwe fa e se fela gore ba fokotse bana go ba isa kwa dikoleng tse dingwe mo motseng oo ka di le tharo ka palo.
Fa a ama tsa botlhoka tsebe o ne a kaya fa bana bangwe ba senya dikago tsa puso mme seo e le poelo morago go di baakanya ka go na le ditlhabololo tse dingwe tse khansele e itebagansteng le tsone, mme a kopa batsadi go kgalemela bana ba bone.
Mo phuthegong eo barutabana ba mephato yotlhe ba ne ba tlhalosetsa batsadi ka maduo a bana a setlha sa bobedi le gore tsholofelo ke eng mo nakong e e tlang, ba ne gape ba ngongorega ka batsadi bangwe ba ba sa kgatlhegeleng le go tshwaragana le bone ka ditiro tsa bana ba bone ka ba etela kwa sekoleng go ya go lekola ka fa bana ba dirang ka teng mo dithutong tsa bone.
Mongwe wa barutabana ba lekwalo la bosupa Rre Joel Besson o ne a supa fa ba setse ba ipapanne sentle ka ba setse ba itlhokoletsa ditlhatlhobo tsa lokwalo lwa bosupa mme tsholofelo e le gore ngwaga ono ba tle ba kgone go feta ka tse di tsididi ka go gaisa dikole tse dingwe ka maduo a lokwalo lwa bosupa mo kgaolong ya Kgalagadi.
Rre Besson o ne a gwetlha batsadi go nna seopo sengwe ka go nna le tshwaragano le tirisanommgo ka seo e le sone se ka ba kgontshang go ntsha maduo a a kgatlhisang. Mo phuthegong eo go ne ga nna le sebaka sa go tlhophololwa ga komiti e kgologolo le go tlhophiwa ga e ntsha. Modulasetilo yo o neng a tsamaya Rre Bothwell Manjeya o ne a lebogela tirisano mmogo ya barutabana le batsadi le bone ka seo se ne se ba kgontsha go dira tiro ya bone ka matsetseleko le gone go tswa ka ditharabololo tsa dikgwetlho tse ba neng ba lebagane le tsone mo lobakeng lwa bone.
Rre Manjeya yo e leng mogwebi mo Tsabong o ne a kgothatsa le yone komiti e ntsha e e tlhophilweng go dira ka natla le go nna le mowa wa boithaopo le lorato ka seo se ka ba kgontsha go dira ditlhabololo tse di ka godisang le go isa sekole seo kwa pele.
O ne a tlatsa ka go gakolola batsadi go tsamaya le bana kwa dikerekeng ka seo se ka ba aga go simologa ba sa le ba botlana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Tsabong
Event : Phuthego
Date : 27 Aug 2015






