Breaking News

Go tlhama mmino o mosha go supa kgolo

26 Aug 2015

Modiri go tswa mo ofising ya banana kwa Letlhakeng, Mme Sophie Letsholo o gakolotse badiragatsi go tlhama dipina le metshameko e mesha go na le go dirisa di le dingwe ngwaga le ngwaga.

E rile a ema banana ka lefoko kwa makgaolakgannyeng a dikgaisanyo tsa kgaolo ya botlhophi ya Letlhakeng-Lephepe kwa Ngware ka Matlhatso, Mme Letsholo o ne a tlhalosa fa go tla ka ditlhamo tse disha go supa kgolo mo badiragatsing.

A re se gape se ka supa fa maikaelelo a dikgaisanyo tseo a e leng go ribolola botsweretshana a tswa tema. O ne gape a gakolola badiragatsi, bogolo jang ba metshameko e mekhutshwane, go nna ba itlhokotsa thata pele ga dikgaisanyo.

A re ke matlhabisa ditlhong go bona batshameki kgotsa baletsi ba kopana le diletswa tsa bone malatsinyana fela pele ga dikgaisanyo, selo se a reng se isa boleng jwa dikgaisanyo kwa tlase.

A re go itlhokotsa ba tsentse marapo dinameng go ka ba thusa go nonotsha bokgoni le kitso ya bone mme se se ba beye mo maemong a mantle a go phadisanya botoka.

Matshwenyego aga Mme Letsholo a ne a seka a wela fatshe ka e rile kwa bokhutlong setlhopha  sa Madisamotse go tswa kwa Sojwe sa ikgapela maemo a ntlha mo pineng ya Setswana ka matshwao a 48 percent.

Maduo a a ne a ba rontsha sekgele go ya ka melawana ya dikgaisanyo tseo.

Mme Letsholo o ne gape a kopa badiragatsi go itlwaetsa go ikwadisa le ofisi ya bone nako e sa ntse e le teng go ba kgontsha go rulaganya dikgaisanyo sentle. A re mo nakong e ntsi badiragatsi ba emela modiredi wa ofisi go ba latela ka dipampiri tsa ikwadiso le mororo ba itse dikgwedi tse dikgaisanyo di simololalang ka tsone ngwaga le ngwaga.

Mokhanselara wa kgaolo ya Ngware, Rre Ontatlhile Selatlho, o ne a kgalela banana go tla dikgaisanyong ba nole. A re maitsholo ao a kgatlhanong le maikaeleo a tsone a go ba thusa go ikgapha mo nnotaging.

A re dikgaisanyo tseo di ka nna le bogadi jo bo nametsang fela fa badiragatsi ba ka di tsaya tsia. Mo phadisanong ya segaba, Rre Ntsoane Ramontsho wa Sojwe o ne a tsaya maemo a ntlha fa Solly Sebotso wa Mantshwabisi a gapile maemo a ntlha mo katareng. Mosione Ramosese wa Mantshwabisi le ene o ne a ikgapela maemo a ntlha mo Setinkaneng fa poo ya poko e nnile Mogorosi Mokgwapha go tswa kwa Botlhapatlou.

Mo go tsa dikhwaere, BK go tswa kwa Moshaeng ene ya tsaya maemo a ntlha fa Nkwenkgoga bone ba ne ba gapa sekgele mo motshamekong. Ends

 

 

Source : BOPA

Author : Olekantse Sennamose

Location : Letlhakeng

Event : Dikgaisano

Date : 26 Aug 2015