Badiri ba Jwaneng ba re letlhoko le kgoreletsa tiro
26 Aug 2015
Badirelapuso ba Jwaneng ba boleletse ratoropo fa letlhoko le le golelang pele le ama go ntsha maduo ga bone mo tirong. Ba buile se mo phuthegong ya badirelapuso e e neng e buisiwa ke ratoropo Rre Tsietsi Oodira-Kwenje bosheng.
Mme Masego Dingalo wa lephata la makgotla a Setswana o ne a bolelela ratoropo gore seemo se badirelapuso ba tshelelang mo go sone se ngomola pelo. A re go tlhakanela matlo go baka dikgotlhang ka jaana ba farologana ka megopolo le mekgwa, selo se a reng se digela maduo kwa tlase mo tirong.
Mme Dingalo o buile gape a tlhalosa fa dingongorego tsa bone tsa dikgang tsa boroko di seke di tsibogelwa, ntswa ba supa fa ba sa tshidisanye sentle. Mme Tsholofelo Khwae ene o ne a ngongorega ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa matlo mo toropong ya Jwaneng.
A re ditlhwatlhwa tse di dira gore ba felele ba batla boroko kwa metseng e e bapileng le Jwaneng jaaka motse wa Sese. O kopile gape gore puso e tsenye kgang e leitlho mme e laole ditlhwatlhwa tsa boroko gore badirelapuso ba lese go jewa ntsoma.
Le fa go ntse jalo, Mme Selinah Gaborakanelwe ene o ne a tlhalosa gore ere a ntse a dumalana le gore badirelapuso ba tshelela mo diemong tse di thata, go na le bangwe ba ba inyadisetsang mo matlong a a tlhakanetsweng.
A re go dira jaana ga go a siama ka go feletsa go baka dikgotlhang mo batho ba feletsang ba sa tshidisanye sentle. Erile a ba kgwa dikgaba, modiri wa ofisi ya matlo kwa ofising ya ga molaodi Mme Bonani Tsheko a supa fa e le boammaaruri kgang ya boroko jwa badirelapuso e le kgwetlho e kgolo mo toropong ya Jwaneng.
A re mo bogompienong go na le matlo a badirelapuso a le makgolo a mabedi le bosupamo toropong eo, mme mo go one a le masome a matlhano le bosupa ke a mapodise, a feta masome a matlhano e le a ditlhogo tsa maphata mme a le masome a mane le bongwe e le a ko Samaphaleche.
A re mo palong eo go sala matlo a le mmalwa fela a a tshwanelang go abelwa badirelapuso ntswa letlhoko lone le le lentsi.
A re e re ka jaana matlo a le palopotlana, ba abela badirelapuso matlo go rekegela diemo tsa malwapa kana bana ba ba nang nabo. Mme Tsheko o boletse fa seemo se ka fetoga fela fa molao wa matlo o ka sekasekwa ka jaana mo bogompienong o supa fa ditlhopha dingwe tsa batho di akaretsa batswakwa, le ditlhogo tsa maphata ba tshwanetse go fiwa matlo pele go ka lejwa badirelapuso ba bangwe.
O tlhalositse fa letlhoko la boroko le ka fokotsega fa maphata ka go farologana a ka rekela badiri ba one matlo go itsa gore ba felele ba hirisa a a turang.Erile a tswa la gagwe, Rre Oodira-Kwenje a tlhalosa fa seemo sa matlo a Samaphaleche e le se se ngomolang pelo ebile se tlhokisa batho ba ba nnang koo seriti.
A re go lobaka khansele ya toropo eo e ikuela mo go ba Botswana Housing Corporation (BHC) gore matlo ao a thubiwe go agwe a a tsamaisanyang le dinako tsa segompieno a a nang le ditirelo di tshwana le metsi le motlakase. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kenalemang Malabola
Location : Jwaneng
Event : Phuthego
Date : 26 Aug 2015






