Breaking News

Batlhophi ba tiisa puso

26 Aug 2015

Mogolwane wa ofisi ya ditlhopho ya Molepolole, Mme Patricia Mmoloke a re go botlhokwa gore batlhophi ba itse maikarabelo le seabe sa bone mo pusong ya batho ka batho.

O buile se bosheng mo phutheng ya kgotla kwa Gaphatshwa kwa a neng a sedimosetsa banni ka maikarabelo a bone le go tsaya megopolo mo go bone go tlhabolola matlhophelo go baakanyetsa ditlhopho tsa ngwaga wa 2019. 

Mme Mmoloke o lemotshitse morafe gore e le batlhophi, mo pusong ya batho ka batho ba dirile tumalano le moemedi wa bone ya dingwaga tse tlhano. A re tumalano eo e botlhokwa mo motlhophing ka jaana e ba fa sebaka sa go farologana ka megopolo le go rolelwa thomo ke moemedi ka tse di ba tshwenyang.

Mme Mmoloke are batho ka batho e simolola ka motlhophi ka ke ene a itlhophelang puso. A re batlhophi ba tshwanetse go nna le tirisano kgotsa botsalano le moemedi wa bone ka se se ka tlhagolela le go tsisa ditlhabololo tse di ka tsisang pharologanyo mo matshelong a bone. 

O gakolotse banni ba Gaphatshwa fa baemedi ba tiisiwa moko ke megopolo e tswang mo sechabeng. A re moemedi ke wa botlhe go sa kgathalesege gore a o mo tlhophile kana jang. O kaile fa batlhophi ba nonotsha puso ya batho ka batho.

Fa ba mo itekodisa, Rre Phillimon Madisakwane wa komiti ya ditlhabololo ya motse o ne a tlhalosa fa basa itumelele ka fa bo ntlhopheng ba dirang ka teng ka nako ya ditlhopho.  A re ba na le mokgwa wa go tlodisa batlhophi melolwane go ya go tlhopha kwa basa ikwadisang e bile ba sa nne mo mafelong ao.

Mo go tlhabololeng matlhophelo, Mme Nnana Khupe o tlhalositse fa mo ditlhophong tsa ngwaga o fitileng go ne go sena matlo a boitiketso mo matlhophelong.  O boletse fa se se ka baka kgotlelesego ya tikologo ka batho ba ithomela gongwe le gongwe. Banni ba ne ba ikuela ka letlhoko la ditante mo matlhophelong ka ba ne ba felela ba dirisa ditlhare mo matlhophelong ngwaga yo fitileng. 

Fa a tsibogela matshwenyego le megopolo ya bone, Mme Mmoloke o ne a tlhalosa gore go tlola molelwane o ya go ikwadisa kwa o sa nneng teng ke molato. “O tshwanetse go ikwadisetsa fa a nnang teng, mo kgaolong ya gago go akola ditlhabololo tsa kgaolo le go nna karolo ya tsone,” ga bua Mme Mmoloke

Fa a lebagana le tsa matlo a boitiketso, Mme Mmoloke o ne a tlhalosa fa a amogela mogopolo wa go dira matlo a boitiketso mo matlhophelong mme go se bonolo ka ba na le matlhophelo a feta dikete tse pedi mo lefatsheng. Ka ditante, Mme Mmoloke o ne a re ba tshwentswe ke bogodu jwa ditante ka nako tsa ditlhopho ka jalo ba dirisa matlo a borutelo ka a babalesegile go na le ditante. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Thato Kegoeng

Location : Gaphatshwa

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 26 Aug 2015