Go sa latlha matlakala sentle ga go a siama
26 Aug 2015
Kgosi Ramonnye Matlapeng wa Tlokweng o supile fa batho ba aparetswe ke mathata a ba a itiretseng a a bakiwang ke matlakala.
Kgosi Matlapeng o supile fa go latlhela matlakala mo tikologong ya ba bangwe e le boloi, a supa fa batho bangwe ba itira baitimokanyi ka ba ipaya jaaka ekete ga ba itse mme ba itse gore ba latlhela matlakala ao bosigo.
O ne a baya sekai ka temana ya baebele e e supang fa erile kwa tshimologong Modimo a tlhola motho, mme a mmaya mo tshimong ya Eden e e neng e le phepa. A re jaanong mo malatsing ano, batho ba letleletse Saatane go ba dirisa go kgotlela tikologo ka go tlatsatlatsa matlakala.
Kgosi Matlapeng o ne a bua jalo fa a ne a amogela baeng kwa letsatsing la phepafatso tikologo bosheng.
Kgosi o boletse fa go dira jaana go senya madi a puso le gone go senya nako ka leswe le le dirwang ka bomo, a bo a kopa Batlokwa go lebelela batho ba ba kgotlelang tikologo ya bone, le gone go e rata ba bo ba e phepafatse, ka jaana kgosikgolo ya bone e le motho yo o ratang go busa morafe o o phepa le ene a rata bophepa.
Erile a ntsha la gagwe, mopalamente wa Tlokweng Mme Same Bathobakae a tlhalosa fa go latlhela matlakala gongwe le gongwe go turela puso, a supa fa metseto le matlakala a a latlhelwang mo tseleng e le matlhabisa ditlhong, a bo a gakolola setshaba go intsha mo mokgweng oo.
Mopalamente o gwetlhile mongwe le mongwe go somarela tikologo, a supa fa botsogo e le jwa mongwe le mongwe, a bo a tlhalosa fa matlakala a tsenya diphologolo mo diphatseng.
O boletse fa go phepafatsa go simolotse kwa lefatsheng la Australia ka ngwaga wa 1989, mme go phepafatsa moo ga oka baithaopi ba le 300 ngwaga o o latelang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Tlokweng
Event : Tsatsi la phepafatso tikologo
Date : 26 Aug 2015






