Breaking News

Mabeo o kgala tshenyo ya di tsa tlholego

26 Aug 2015

Tona wa ditiro le ditlhaletsanyo Rre Tshenolo Mabeo a re puso e tshwenyegile thata ka tshenyo e e ileng magoletsa ya go senngwa ga ditsa tlholego mo kgaolong ya Thamaga/Kumakwane, mme a solofetsa go tsibogela bothata joo.

Tona a re maiteko a dirilwe go leka go lwantsha bothata le gone go leka go dira kgalemo le dikotlhao mo go ba ba amegang mo masuleng ao mme seemo ga se tokafale ka gope, ka jalo go saletse puso so tswa ka methale e ka yone bothata joo bo ka rarabololwang ka teng.

Rre Mabeo yo o neng a buwa mo diphuthegong tsa kgotla kwa masimong a Diphepe/Tsorogwane, Mmasebele le Mmampa mo bekeng eno, mo kgaolong ya gagwe a re seemo sa tshenyo ya ditsa tlholego mo kgaolong eo se tshwenya fela thata mme ka jalo go tlama puso go tsaya dikgato tse di gagametseng go itepatepanya le masula ao.

O solofeditse go rulaganya loeto lwa go tla go iponela bogolo jwa tshenyo ya ditsa tlholego di akaretsa go epiwa ga mebu, ke matona a a lebaneng e leng la tikologo diphologolo le bojanala le la meepo kgotetso le metsi  go leka go fefosa tharabololo ya bothata joo.

Mabapi le matshwenyego a seemo sa metsi se batho ba masimo ao ba lelang gangwe le gape ka sone, mothusa tona o ba kopile fa a tlaa leka gotlhe mo a ka go kgonang go sala morago kgang  ya metsi go bona ka fa se ka rarabololwang ka teng.

O bile a ba kopa go tlhagafalela go dirisa mananeo a puso a maikaelelo a one e leng go inola Batswana mo manokonokong a lehuma.

 Batho ba metse ya Mmampaba le Diphepe Tsorogwane ba lela ka lenyora gore ba thusiwe bogolo ka go katololwa ga matamo a a ka ba tshegeletsang metsi go nosa batho le leruo la bone. 

Ba re go tsamaya ba kopisa leruo metsi go ama boleng jwa leruo ka le babalelwa ke go tsamaya sekgala se se leele kwa metsi a ka bonalang gone.

Mangwe a matshwenyego a batho ba masimo ao, ke a go tswalwa ga ditsela tse di dirisiwang mo tsamaisong ya temo, ba supa ka monwana lekgotla la kabo ditsha gore bothata joo bo godisiwa ke go tlhoka morero

Bangwe ba banni mo go bone go le Rre Toko Mmualefe ba supa fa thekiso ya masimo e le yone e tlhakatlhakanyang seemo ka jaana ba ba rekileng masimo ba felela ba a kopanaya ntle le go sala morago thulaganyo e kgaolo e e ipetletseng

Rre Mmualefe o akgoletse ba kabo ditsha gore dipeo tsa bone tsa masimo di sa amane ka gope le bothata jwa kgaolo eo jwa go tswalwa ga ditsela, mme seo se dirwa ke bobelotshetlha jwa bao ba ba ikokeletsang lefatshe.  Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : Thamaga

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 26 Aug 2015