Breaking News

Badirela puso ba botlhokwa

26 Aug 2015

Bodirelapuso jwa Radisele, Mogome le Mokgware mo kgaolong ya Serowe Borwa bo kopilwe go thusa le go kgothatsa banana go tsaya mananeo a puso go itlhabolola, gona le go nna fela mo malwapeng, le gone gore ba ba tseneng mo temo-thuong ba batlelwe  mafelo a  a gaufi le matamo.

Mafoko ao a builwe mo phuthegong e e faphegileng ya bodiredi ke mopalamente wa kgaolo ya Serowe Borwa. 

O tlhalositse fa a tsile go buisana le bodiredi got swa ka maano a ba ka tlhabololang kgaolo ka one, le go buela ko bothokong gore ba kgone go ntsha maikutlo a bone.

Mopalamente, yo e bileng e le tona wa tsa mafatshe a sele Mme Pelonomi Venson-Moitoi o boletse fa a lemoga sentle gore ka dinako tse dingwe bodiredi ga bo kgone go phuthologa segolo jang ka dinako tsa diphuthego tsa dikgotla, mme ba lebega ba na le mathata a a thokang go rarabololwa.

O ile a tswelela a re bodiredi ka dinako tsa diphuthego bo ne ke ba ba arabang dipotso fela tse dingwe tsa tsone ba sa di kgoneng ka maphata a bone e le one ka nako e  nngwe a ba paledisang tiro, jaaka dikgang tsa tlhaelo ya bodiredi, letlhoko la dikoloi, botsogo ja mmereki  kwa madirelong .

O ne a re kgaolo e ka tlhabololwa ke bone e le badirelapuso ba dira le ene ba le seopo sengwe, mme a ba solofetsa fa a tlaa tsaya boikarabelo jwa go bona gore lephata le thusa fa le kgonang teng  gore ba kgone go ntsha maduo.

Erile ba mo kgwa dikgaba, batho ba supa fa bone ba dira sentle, mme ba supa boitumelo jo bogolo mo tshimolodisong ya dithuto tsa bananyana ba ba yang go simolola sekole mo ngwageng o o fa pele ba re ba solofela maduo a mantle fela thata.

Mogokgo wa sekole sa Mogome, Mme Mmadikeledi Ramokununu o ne a bolela gore, ka ngwaga wa bobedi ba tlaa bo ba alosa bana bao go ya kwa mophatong wa lekwalo lantlha. 

O ne gape a supa fa ba tsentse letsogo mo go rotloetseng banana go inaakanya le lenaneo la BOCODOL la dithuto tsa tlhaeletsanyo  go ikoketsa dithuto le a neng a re le kwa Radisele fela mme ga ba ipone tsapa go ya teng.

O ne a re fa ba ka nna le motlakase gongwe le ka atolosetswa kwa metseng ya bone gore banana ba le akole.

Ba Mokgware ba ne ba re le bone ba itumelela tirisano ya bone le batsadi, mme ba supa fa ba ise ba simolodise lenaneo la thuto ya bananyana.

Mopalamente o ne gape a lekodisa ka go abiwa ga pampiri ya dikgang mo metseng eo e e dirwang ke ofisi ya Palapye gore ba e tsaya go tswa kwa Radisele, le gone gore mo kgaolong ya bobega dikgang ya Legare e kgonne go tsaya banana ba le  49, ba e leng badiri ba nakwana, mo  go tseyeng dinepe le dikgang, e le go diragatsa lenaneo la ga Tautona la gore ba kgone go itshetsa. 

O ne gape a tlhalosediwa fa go na le wa Tirelo Setshaba a le mongwe le yo mongwe gape go dira palo eo go nna 51, le fa bangwe ba sa kgona go iponatsa ka nako e ba neng ba bilediwa go tla go baya monwana tumelano ya go direla lephata.

Tona o ne gape a lekodisiwa ka maiteko a lephata a go neela Batswana ditiro tsa go anamisa koranta ya DailyNews kwa mafelong a poso e sa fitlheng kwa go one gore le lone le tsweletse, mme go simolotswe ka mafelo a sekae, fa a mangwe a tlaa nna a ntse a latlhelelwa sengwe fa diphatlha di ka bonala. 

Tekodiso ka mananeo a banana, e ne ya lebega e sa tswelele sentle mo kgaolong ka banana ba sa bonale go tsaya mananeo, le fa go na le ba ba apayang borotho ba le bararo kwa Mogome le Mokgware, bangwe e le ba ba neng ba rutuntshiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma mathata e le tiego ya didirisiwa go simolola ditiro tse ba di rutetsweng.

Mogolwane wa balemisi go tswa mo Palapye Rre Alexander Letebele  ene o ne a re monongwaga ba ya  go aba dipeo pele ga dipula di na gore balemi b anne malalaalaotswe, gore fela fa dipula tsa ntlha di na ba bo ba tlhoma megoma, le gone gore di ya go isiwa gaufi le bone kwa masimo.

O ne a supa fa gape b atsweletse ka go rutuntsha beng ba diterekere le bakgweetsi ba tsone, le ka fa dipolantara di dirisiwang ka teng. Rre Letebele o ne a ikuela mo go mopalamente ka tlhaelo ya dikoloi a re go ba kgoreletsa go etela balemi kgapetsa kgapetsa.

Mme Sekani Chikunyane mo boemong ja ba botsogo o ne a re dipilisi ga di lekane, bogolo jang tsa madi a matona, mme a supa fa tse di nnang di le teng ka dinako tsotlhe e le tsa sukiri. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : Palapye

Event : Phuthego

Date : 26 Aug 2015