Mokgadi o akola maduo a bopelotelele
25 Aug 2015
Mme Sarah Mokgadi ke mongwe wa banana ba ba neng ba tsaya ka tlhoafalo lenaneo la puso le le thusang banana ka madi go simolola dikgwebo tse di potlana.
O tlhalositse fa a ne a nna pelotelele mo nakong e a neng a batla thuso mo lephateng la banana, metshameko le ngwao gore a kgone go simolodisa kgwebo ya go roka diaparo ka botlalo.
O supile fa lephata le ne la mo tla matshediso ka P96 700.
“Madi ao a ne a nthusa go reka didirisiwa, bogolo jang metshine e e rokang e le merataro, tafole le mo ke beelang diaparo tse di rokilweng le didirisiwa tse dingwe mo teng,” o tlhalositse jalo.
Mme Mokgadi, yo o dingwaga di masome mararo le motso, a re o ithutile go roka kwa sekoleng sa tiro ya diatla sa kwa Borolong kwa Pitsane, mme a fetsa ka 2010 ka setlankana sa National Craft Certificate.
O supile fa pele ga moo a ne a sa tsenelela thata mo tirong ya go roka ka a ne a sa dira dithuto tsa Fashion and Fabrics kwa sekoleng se segolwane sa Molefi kwa Mochudi. Kgatlhego ya gagwe e ne ya simolola morago ga gore a roke digaretene ka a ne a dira dithuto tsa Home Management.
“E rile fa ke sena go fetsa sekole kwa Borolong ka simolola go roka fela mo lapeng ke dirisa motshine wa mo lapeng.
Ke ne ke rokela batho ka go farologana, bogolo jang ba ba neng ba itse fa ke tswa go ithutela go roka. Mme e rile ke sena go bona thuso ya madi ke ne ka atolosa mo ke ileng ka kwadisa le leina la kgwebo la Sew Wise Fashions,” o tlhalositse jalo.
A re mo nakong ya gompieno o roka diaparo tsa manyalo le tsa batho ka bongwe ka bongwe, mme pele ga moo o tshwantsha se a batlang se rokwa gore moreki a kgotsofalele tebego ya sone.
O ne a supa fa kgwebo e le ntsi fa ngwaga o ela go fela ka ba kgona go nna le bareki ba le masome mane mme fa go se na sepe se se kalo ba ka nna lesome le boraro.
O ne a supa fa a thapile mmereki a le mongwe go thusa mo kgwebong ka gore fa a ka ipolaisa tiro boleng jwa dilwana tse a di rokang bo ka ya tlase.
Mme Mokgadi o ne a tlhalosa fa a tsenelela dikgaisanyo tsa malatsi a ga Tautona tsa baroki mme monongwaga a tsere maemo a ntlha mo kgaolong ya Kgatleng.
O supile fa di le botlhokwa ka di mo fa sebaka sa go ithuta mo go ba bangwe, go tokafatsa boleng jwa diaparo le go tokafatsa botsipa jwa go roka. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Vincent Rapoo
Location : Mochudi
Event : Potsolotso
Date : 25 Aug 2015






