Radimpanyane o a iphataphatela
25 Aug 2015
Modimo o file mongwe le mongwe tlhaloganyo go itshetsa.
Seo se rurifaditswe ke monana wa Lobatse, Keamogetse Radimpanyane, yo gompieno a inaakantseng le kgwebo ya go tlhatswa a bo a gatisa dilwana di akaretsa diaparo le dikobo.
Mme Radimpanyane o supile fa tlhaelo ya ditlamelo dingwe tsa go tlhatswa le letlhoko la ditiro e le tsone di mo gwetlhileng go bula madirelo a PLM Cleaning Services.
“O fitlhela ka nako tse dingwe batho ba isa dilwana gore di tlhatswiwe kwa madirelong a go tshwana le a, go bo go twe ga gona metshine e e ka tlhatswang dilwana tsa go nna jalo. Seo se bo se raya gore ba di ise kwa Gaborone, mme kana go ya koo go tlhokana le nako le madi,” “a bolela.
A re ka go bona phatlha e e neng e bulegile ya tlhaelo ya ditlamelo tseo mo Lobatse, a ipha botlhale go bula kgwebo e e nang le tsone.
Mme Radimpanyane, yo o dingwaga di masome mararo le bongwe, o boletse fa a butse kgwebo ya gagwe ka 2011 a sena go kopa dithuso tsa madi mo lephateng la banana, metshameko le ngwao.
A re pele ga moo o ne a sa bereke, mme a itshetsa ka go loga meriri. A re ka jaana madi a a neng a a amogela a ne a sa lekane go mo tshedisa le ba lolwapa lwa gagwe, kgwebo ya go bula madirelo a go tlhatswa diaparo ya mo tlela.
A se ka a e nna ka marago kakanyo e, mme a rwala ditlhako a ya go kopa dithuso kwa lephateng la banana, metshameko le ngwao, mme ba mo thusa ka P85 000 go reka ditlamelo tse di neng di tlhokafala go simolola kgwebo.
A re o na le metshine e e tlhatswang e le mene, e e omisang e le meraro. O thapile babereki ba le babedi mme o ikaelela go oketsa palo e fa kgwebo ya gagwe e gola. A re kgwebo ya gagwe e itebagantse le go tlhatswa diaparo ka go farologana, dikobo go ya ka mefuta le bokete jwa tsone le one matsela a diokomelabagwe tota.
A re o tlhatswa go ya ka botona jwa mmanki, fa madirelo a mangwe one a tlhatswa go ya ka bokete jwa dilwana, fa ba bangwe ba tlhatswa go ya ka selwana ka bongwe ka bongwe.
“Re tlhatswa mmanki o monnye ka P55 o o fa gare re o tlhatswa ka P60, fa o motona re o tlhatswa ka P80. Se se dira gore ditlhwatlhwa tsa rona di kgatlhise bareki,” a tlhalosa.
A re o dirisa melora ya metshine jaaka vanish le dinkgisa monate e le mokgwa mongwe wa go kgatlha badirisi ba kgwebo ya gagwe. A re sephiri sa gore kgwebo ya gagwe e bo e dira sentle ke gore o itumedisa bareki ba gagwe ka go dira ka natla ka dinako tsotlhe go itsa dingongora.
A re o tlhatswa a bo gatisa dilwana tsa bone ka nako le go ba fa monyenyo ka dinako tsotlhe, a tlatsa ka go re o theogela malatsi a le marataro a beke, Mosupologo go fitlha ka Matlhatso.
O tlhalositse fa ka dinako tse dingwe tiro e kgona go nna ntsi mme a tlamege go tswala morago ga nako. A re o kopana le dikgwetlho di tshwana le kgaogo ya metsi le motlakase ga mmogo le dituelo tse di kwa godimo tsa phiriso ya madirelo.
“Ka dinako tse dingwe o fitlhela re setse re simolotse tiro, re tsentse dilwana mo metshineng, motlakase kana metsi a bo a kgaoga. Se se re busetse kwa morago, ka go tsaya nako gore di boe.”
A re kgwebo e batla bonatla le bopelotelele. A re nako ke sera sa motho, ka jalo mogwebi o tshwanetse go tlotla nako ka e le ene a iperekisang go se na yo o mo laolang.
Mme Radimpanyane a re le fa a bone dithuso kwa lephateng la banana, madi a teng a ne a seka a kgona go reka didirisiwa tsotlhe. A re o kgobokanya madi a letseno mme morago a reke mo go tlhaelang.
A re o eletsa go bona kgwebo ya gagwe e godile, e na le didirisiwa tse ditona. O tlhalositse fa maikaelelo a gagwe e le go dira madirelo a matona e bile a okeditse le palo ya babereki gore a fokotse lehuma le go tlhaelo ya ditiro.
A re banana ba tsene mo maphateng a puso ba kope dithuso. O rotloeditse le ba dikopo tsa bone di iseng di atlege gore ba seka ba ipona tsapa ba tswelele fela ka go dira dikopo go fitlhelela ba atlega.
Gape a re ba ithute ditiro tsa diatla ka go na le letlhoko la ditiro. A re kgwebo e kgona go reketla mme go mo go mong wa yone go bona gore o tswa ka ditselana tse di sha go e godisa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tsholofelo Chamile
Location : Lobatse
Event : Potsolotso
Date : 25 Aug 2015


