Batsadi ba itlama go kgothatsa bana
25 Aug 2015
Mo letsholong la go tokafatsa maduo a a sa itumediseng, batsadi ba baithuti ba mophato wa botlhano ba sekole se segolwane sa Kgari Sechele ba amogetse mogopolo wa gore ba ne ba iponatsa kwa sekoleng seo mo malatsing a a farologaneng a beke go fa baithuti thotloetso.
Batsadi ba dumalane ka bongwefala jwa pelo ba bo ba iteela mogopolo o legofi. Mogopolo o ba ne ba o beilwe pele ke Mme Bonno Gaadija yo e leng leloko la komiti ya batsadi le barutabana.
Mme Gaadija fa a ntsha mogopolo o tlhalositse gore e le mongwe wa batsadi o tshwentswe ke maduo a a kwa tlase a sekole se, selo se a reng se diragala ngwaga le ngwaga mme a re ke sone se se mo gwetlhileng go tla ka mogopolo go tshwaragana le batsadi ba baithuti ba bangwe go dira phetogo.
O tlhalositse gore moithuti yo o dirang sentle o tlotlomatsa ba lelwapa la gagwe le bone barutabana ba gagwe, mme a re maduo a a seng mantle a a swabisa.
A re bana ba ba tlaa bong ba kwala ditlhatlhobo monongwaga e ka nna ba ntlha go dira botoka mme a re go ka nna jalo fa batsadi ba tshwaragane le barutabana le baithuti.
“A re simololeng go tsena sekole le bana ba, mme re ikgaoganya ka malatsi a a farologanyeng go tla re lebelela gore a ba dira tiro ya sekole le gone gore a mme ba tla sekoleng,” o tlhalositse jalo.
Mme Gaadija o tsweletse a ntsha megopolo e mengwe e tshwana le ya go koleka madi a a kanang ka P4 go rekela baithuti metsi jaaka ba tlaa bo ba kwala ditlhatlhobo, le go ntsha P2 yo o tlaa kgaogangwang gabedi go reka dipilisi tsa ditlhabi tse di tlaa thusang fa moithuti a opiwa ke tlhogo fa a mangwe a tlaa dirisiwa go thusa bana ba basetsana ka go ba rekela dingwe tse ba di tlhokang fa ba bona setswalo.
Fa ba a kgwa Mma Gaadija dikgaba bangwe ba batsadi ba ne ba supa matshwenyego a bone ka mogopolo o ba re o siilwe ke nako, ba tshogela gore go ka tlhakatlhakanya baithuti tlhaloganyo mme se se ba bakele letshogo mme gape ba re ba ipotsa gore barutabana ba tlaa bo ba le kae.
Ba ne ba supa ngongora ya go kopanela phuthego e le baithuti ka e ne erile go le pele baithuti ba bo ba le teng mo phuthegong eo mme morago baithuti ba ne ba kopiwa go tswela kwa ntle go letlelela batsadi le barutabana go bua ka tshosologo, ka jaana batsadi ba ne ba supile fa ba sa phuthologa go bua baithuti ba le teng foo.
Morago ga go sedimosetswa ke mogokgo wa sekole, Rre Lapologang Kolagano, ka go tlhalosa gore mongwe le mongwe o na le seabe sa gagwe mo thutong ya bana, jalo a re se e tlaa bo e le seabe sa batsadi mme a re go tla ga batsadi go ka dira pharologanyo e tona, a tlhalosetsa batsadi gore baithuti ba tlhoka thotloetso ya bone.
A re go tla kwa sekoleng ga batsadi, batsadi ba ka rurifatsa gore e le ruri bana ba bone ba tla sekoleng, le go bolelela barutabana fa baithuti ba sa iponatsa mo sekoleng, go ba rotloetsa mo go direng ka natla mo dithutong tsa bone tsa ditiro tsa diatla le gone go tsaya ditlhatlhobo tsa teng ka tlhwaafalo.
Batsadi ba ne ba itlama go simolola ga diragatsa mogopolo o mo bekeng e e tlang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Onalenna Montshwari
Location : Molepolole
Event : Bokopano
Date : 25 Aug 2015






