Breaking News

Sesole se aba ntlwana ya borutelo

25 Aug 2015

Babereki ba Botswana Defence Force (BDF) ba dikampa tsa Lobatse, Pitsane le Rakhuna ba abetse sekole se sebotlana sa Borelelo kwa Rakhuna, ntlwana ya borutelo ya kwa ntle.

E rile a rola ntlwana eo semmuso, mogolwane yo o itebagantseng le tekeletso, theko le thekiso ya didirisiwa tsa sesole Brigadier Domcasa Mokgwathi a re kago eo e tlaa godisa thuto le boleng jwa thuto mo baneng.

A re jaaka go itsege, gore boleng jwa thuto bo tokafale, ke gore go bo go na le dikago tsa borutelo tsa boleng jo bo kwa godimo gore bana ba kgone go amogela thuto ya boleng jwa seemo seo, a tswelela ka gore go tshwana fela le gore, gore bana ba amogele thuto ya maemo  a a kwa godimo, go tshwanetse ga bo go na le barutabana ba boleng jo bo kwa godimo ebile ba na le maitemogelo a a rileng.

Mogolwane yoo a re go fitlhelela thuto ya seemo seo, ke jaaka a ne a rolela sekole seo ntlwana ya borutelo ya kwa ntle, a re seo ke tshupegetso e kgolo ya gore ba sesole sa Botswana ba tshwere ka natla go thusa goromente wa Botswana mo kgodisong ya thuto ya lefatshe leno. 

O ne a amogana le baithuti ba sekole seo gore, thuto ke boswa jo motho a ka sekang a bo amogwa ke ope, ka jalo aba rotloetsa go dira ka natla mo dithutong tsa bone, a re seo se ka ba thusa gore ba tsoge e le bone baeteledipele ba kamoso ba ba boikarabelo ebile ba rutegile.

O ne gape a rotloetsa batsadi go nna le seabe mo thutong ya bana ba bone ka go ba etela kwa dikoleng go ya go bona ka fa ba tsweletseng ka teng mo dithutong. 

A re tiro ya letsatsi leo, e kabo e sa atlega fa ene e se ka maitlamo a ba sesole sa Botswana ba a reng ba dirile tiro e ntle fela thata. 

E rile a a fa tekodiso ka kago ya ntlwana eo, mogolwane wa kampa ya sesole ya Lobatse Liutenant Col David Motsumi a re e le ba sesole sa Botswana ba itlamile gore ngwaga le ngwaga ba tlhophe tiro nngwe go e direla setshaba sa kgaolo e ba leng mo go yone.

O ne a tswelela ka gore seo ke maiteko a bone a go thusa puso go tlhabolola lefatshe ga mmogo le go sala morago nngwe ya matshego a Tebelopele  ya 2016 ya Tshaba e e rutegileng ebile e na le kitso.

A re pele ga ba tlhopha gore ba dira tiro ya mofuta ofe, ba na le lekoko le le tsamayang le metse ka go farologana ba kopana le bogogi ba botsa gore ba ka thusa fa kae mme ba dire tiro eo.

Rre Motsumi a re ba kgona ditiro tseo ka mowa wa boithaopo ka jaana fela jaaka maphata a mangwe a puso ba sena letlole la ditiro tsa mothale o. 

Are ba ne ba tshwanelwa ke go kopanya ditlhogo ba ikanapa go kokoanya madinyana gore tiro ya mofuta o e kgonagale, a tlatsa ka gore e ba lopile madi a a kana ka dikete tse di masome mararo tsa dipula. 

E rile a akgela, mogokgo wa sekole seo Mme Dineo Olesitse a re tirisanyo mmogo ya bone le ba sesole e tswa kgakala ka e se la ntlha ba ba direla tiro e ntle jaana.

A re ka ngwaga wa 2007 ba sesole ba ne ba rekela sekole seo kapari ya mmino wa setso ba thusana le botsadi, mme morago ba boa ba rekela sekole dibalamakgolo. 

A re ka jalo o lebogela ba sesole sa Botswana tiro e ntle eo.

Mogokgo o ne gape a leboga komiti ya batsadi le barutabana ya PTA, a re e berekile ka botswapelo go kgonagatsa letsatsi leo.

Fa a amogela baeng kgosi ya Rakhuna Rre Sebe Mmila o ne a re ba sesole ba dira tiro e ntle thata mo kgaolong ya gagwe e bile ba pelotlhomogi ka jaana morafe wa gagwe o amogela dithuso tsa botsogo mahala ebile e le tsa maemo a a kwa godimo mo kokelwaneng ya bone. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Dineo Modikele

Location : Lobatse

Event : Kabo dimpho

Date : 25 Aug 2015