Breaking News

Madi ga a tlhokomele ngwana

25 Aug 2015

Mmakaseterata wa Serowe, Mme Mogi Paya o gateletse fa tlhokomelo ya ngwana e se madi jaaka bontsi jwa batsadi bo akanya.

O buile jalo kwa pitsong ya botsogo jwa babereki e e neng e rulagantswe ke ba Serowe Administrative Authority bosheng.

Mme Paya a re o lemogile fa bangwe batsadi ba ipolelela fa go tlhokomela ngwana e le go ntsha madi, mme go sa nna jalo.

O rotloeditse batsadi go baya ditshwanelo tsa bana kwa pele, ba ba fe lorato ka jaana dithoto di se na bokao jo bo kalo. 

A re go dira jalo ga go na mosola ka ngwana o a bo a sa itumela mo moweng.  O tlhalositse fa tlhokomelo ya ngwana e le boikarabelo jwa batsadi botlhe, e seng nkukuagwe, malomaagwe, rakgadiagwe kgotsa ope fela yo e seng motsadi wa nnete. 

Mme Paya a re o lemogile fa bana ba le bantsi ba ba tlhokomelwang ke motsadi a le nosi ba tshabelelwa ke go nna le mekgwa le maitsholo a a sa letlelesegeng fa ba gola.

A re go utlwisa botlhoko go bona motsadi a le mongwe e le ene a sheleketlang a le nosi mo kgodisong ya ngwana fa yo mongwe ene a le koo fela a se na tsapa le mo fisang pelo.

O kgothaditse batsadi go tsaya maikarabelo, a re go tlhokomela ngwana go tshwanetse go tswa mo pelong. “Tsenyang letsogo mo matshelong a bana ba lona, supang kgatlhego mo kgodisong ya bana” ga gatelela Mme Paya.

O rotloeditse borre gore ba seka ba patelediwa gore ba diragatse boikarabelo jwa bone ka a re motsadi mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le letswalo la gore ngwana wa gagwe kwa a teng o mo seemong se se ntseng jang.

Mme Paya a re o lemogile fa dipalo tsa borre ba ba tlhokomelang bana dI le kwa tlase, ka jalo a ba gwetlha gore ba ititee ka thupana.

A re kgang ya kgodiso ya ngwana ke ya batho ba le babedi, ka jalo batsadi ba tshwanetse go pataganela go godisa ngwana, go seka ga sekamela mo lotlhakoreng lo le longwe, bogolo jang mo motsading yoo nnang le ngwana.

O rotloeditse batsadi gore fa lorato lo fedile, ga goa tshwanela go ama ngwana ka a re o lemogile gore bontsi jwa dikgang tse ba di rarabololang ke tse di diragalang batsadi ba ngwana ba sena go kgaogana. 

A re bomme go le gantsi fa rre a sa tlhokomele ngwana le bone ba gana ka ngwana fa wa rre a setse a re o batla go mmona, a re go dira jalo ga go a siama ka go rontsha ngwana yo o sa itseng sepe  tshwanelo ya go itse motsadi wa gagwe.

O kgalemile thata gore batsadi ba emise go ntsha bana setlhabelo mo maratong a bone a a padileng.A re go ngomola pelo go bona ka fa batsadi ba ikgatholosang bana ka teng, ngwana a tsholwa a bo a gole mme motsadi le fa e le go mmona ka matlho, mme a itse fa a na le ngwana.

A re se se botlhokwa ke botsalano jwa batsadi botlhe le ngwana. O rotloeditse borre ba ba ikgatholositseng bana go iteka. 

O tlhalositse fa go duela tshenyo le tlhokomelo ya ngwana e le ditsamaiso tse pedi tse di sa tshwaneng, ka jalo ba borre ba tshwanetse go tlhokomela bana le fa ba duetse tiga lebele. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mariam Onyafetse

Location : Serowe

Event : Pitso

Date : 25 Aug 2015