Breaking News

Ba atla mananeo

24 Aug 2015

Kgosi Matsoga Gaogane wa Mmutlane mo kgaolo potlana ya Mahalapye o supile fa banni ba motse wa gagwe ba itumelela mananeo a puso ebile ba inaakantse le one ka dipalo tse di kwa godimo.

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, Kgosi Gaogane o tlhalositse fa mananeo a akaretsa thuo ya dihutshane le dikoko, nyeletso lehuma, Ipelegeng le metshameko a amogetswe ka mabogo oo mabedi.

Le fa go ntse jalo kgosi o tlhalositse fa barui ba ba thusitsweng ka lenaneo la thuo ya dihutshane le dikoko ba lebaganwe ke dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya metsi le phulo ka gore motse o monnye.  Bogodu le jone ga bo jese morafe di welang..

Kgosi o ne gape a supa fa a itumedisiwa ke ditlhabololo tse di dirilweng ke puso mo motseng.

O kaile fa ditlhabololo di tshwana le tsela ya sekontere e e tsenang mo motseng e ba sa bolong go e batla, motlakase, kokelwana le maranyane a Kitsong Centre di fetotse matshelo a banni ba motse wa gagwe fela thata.

Mo go tse dingwe Kgosi Gaogane o supile matshenyego ka borukutlhi jwa go thuba marekisetso le matlo a banni go bo go utswiwa dithoto jo bo tsweletseng ka go diragala, o tlhalositse fa borukutlhi jwa go nna jalo bo le bosha mo motseng wa Mmutlane.

Kgosi o ne gape a supa fa ba sa robadiwe ke tiriso ya ditagi tse di sa tlwaelesegang di tshwana le motokwane, a tlhalosa fa go dirisa motokwane go golela pele.

O tlhalositse fa badirisi ba tagi eo ba e tsaya kwa metseng e e mabapi jaaka Mahalapye le Shoshong mme go na le pelaelo ya gore bangwe banni mo motseng ba simolotse go rekisa tagi eo.

O kaile fa ba tsweletse ka go itemogela ditlamorago tsa go dirisa motokwane di tshwana le dintwa le go senyega ga dithaloganyo mo badirising ba tagi eo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Phidson Mojokeri

Location : Mmutlane

Event : Potsolotso

Date : 24 Aug 2015