Breaking News

Setlhopha se lwantsha nnotagi

24 Aug 2015

Setlhopha sa Mahalapye Theatre Production sa bodiragatsi se se thamilweng ngogola, se dirisa metshameko go ruta batho ka bodiphatsa jwa nnotagi le  go fetisa melaetsa ka go farologana.

Mongwe wa motshameko wa bone o o tumileng ke wa Lemphorwana la bojalwa ga le fofe. Mo motshamekong o, moanelwa mogolo ke monana yo o nnang fela mo bojalweng, a itlhokomolosa dithuto a bo a felela a sa dira sentle mo dithutong tsa BGCSE.

Mo go diriseng botlhaswa nnotagi, o ne a nna a ketekwa ke batho fa ba sena go nwa majalwa.

Moanelwa mogolo o felela a itharabologelwa morago ga gore mmaagwe a kope tsala ya gagwe  gore e leke go buisana le ene.

Go ya ka moanamisa mafoko wa setlhopha sa Mahalapye Theatre Production, Rre Emmanuel Mompati, maikaelelo magolo a motshameko wa Lemphorwane la bojalwa ga le fofe ke go supa ditlamorago tsa tiriso botlhaswa ya nnotagi, bogolo jang mo bananeng.

Rre Mompati o boletse fa ba na le metshameko e le mmalwa e ba e dirisang mo meletlong e tshwana le ya go rotloetsa borre go kgaola letlalo, go rotloetsa tiriso ya sekausu le ka kgwedi ya go ipelela seabe sa banana mo twantshong ya bolwetse jwa HIV/AIDS.

O kaile fa setlhopha sa bone se na le badiragatsi ba le lesome le botlhano mme se kwadisitswe ka fa molaong mono ngwaga.

O tlhalositse fa se tseneletse dikgaisanyo tsa bodiragatsi tsa dikgaolo ga bedi ngogola mme ba fetoga bommampodi  mo makgethong otlhe.

Monogwaga ba ne ba tsenelela dikgaisanyo tsa bodiragatsi tsa malatsi a ga Tautona mme ba tswa mo legatong la boraro mo kgaolong ya legare.

Go ya ka morotloetsi mogolo wa setlhopha yo o kileng a bo e le modulasetilo wa khansele potlana ya Mahalapye, Rre Moatshe Senai, maloko a setlhopha sa Mahalapye Theatre Production ba na le maitemogelo a a tseneletseng ka bodiragatsi ka gore bangwe mo go bone ba na le dingwaga di fera bongwe ba le mo bodiragatsing.

O boletse fa maikaelelo magolo a setlhopha seo e le go godisa bodiragatsi mo Botswana go simolola fela mo baneng go ya kwa bagolong. 

O tlhalositse fa setlhopha seo se ikaelela go simolodisa sekole sa bodiragatsi mo Mahalapye fa ba ka bona madi mo mekgatlhong e ba batlang go ikgolaganya le yone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Phidson Mojokeri

Location : Mahalapye

Event : Potsolotso

Date : 24 Aug 2015