Balemi barui ba lela sa khuranyo ya meno
24 Aug 2015
Balemi barui ba meraka le masimo a Madiope, Majale le Manyohonye, ba lela sa maiyoo mabapi le tshenyo e e dirwang ke ditlou le diphiri, tse ba tlhalosang fa di setse di ba koafaditse hela thata ebile, di beile matshelo a bone ka fa mosing.
Mme Sefilaro Patane, yoo o dingwaga tse di masome marataro le borobabongwe,yo e leng mongwe wa balemi-barui ba moraka le masimo a Madiope,o buile a sa kgwe mathe, mabapi le ditlou tse a kaileng fa di le borai fela thata mo matshelong a bone.
“Ga re sa tlhola re disa sentle ka phuthologo , ka ditlou di gobea gongwe le gongwe hela. Fa dipodi di tsaletse kwa nageng kana di sa boa ga gona se re ka se dirang fa e se go di tlogela fela le go itlhoboga.”
O ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba latlhegelwa ke leruo le ba beileng mo go lone go itshetsa le go tokafatsa matshelo a bone.
Mme Patane o tlhalositse fa ditlou di tsena mo masimong a bone mme di ba senyetse fela thata.
A re fa ditlou di mo jetse maphutshe le magapu otlhe mo tshimong.
A re gape ba tshwenngwa le ke nkwe e le yone e ganyaolang leruo la bone.
O tlhalositse fa kgang ya diphiri e tshwenya hela thata mo morakeng wa bone ka di setse di bolaya le motshegare.
O kaile fa ba setse ba kile ba ya go ikuela kwa go ba lephata la diphologolo le makgabisa naga mme ga se ka ga tswa tema epe, ka ba ne ba ba tlhobosetsa fa go sena ka fa ba ka thusang ka teng ka masimo a bone a le kwa morakeng le gore ba a letlelelwa go ka ipolaela diphologolo di tshwana diphiri fa di ba senyetsa.
O ne a thalosa gape fa e ne ya re bosheng, tlou ya rata go gapela mongwe wa badisa botshelo morago ga gore e bogolwe ke dintsa tse a neng a na natso.
A re ka bo madimabe tsa tshabela kwa a neng a le teng, kwa e rileng go e bona a iphalotsa ka go tsena fa gare ga moraka wa dikgomo oo neng o tswa mahulong.
Mme Patane o tlhalositse fa le ene a ne a a kopana le tlou phakela a tswa nokeng mme a iphitlha go iphalotsa.
Mme Patane o ne a tlhalosa fa bontsi jwa ditlou tse di sailang gongwe le gongwe tseo, di bakwa ke terata e e oleng, e e setseng e phuagantswe fela, e bile e sa tlhola e gokeletswe motlakase jaaka pele.
A re seo se bakile gore le lone leruo la bone ka nako tse dingwe le tlolela ka kwa ga terata.
Fa a ntsha la gagwe Mme Selelo Machete o ne a tlhalosa fa e ne a re pele, a rata go feletswa leruo ke nkwe e e kileng ya bo e ba tlhorontsha thata ka go ba jela leruo, mme seemo e rile go ritibalanyana ga simolola ga tshwenya thata diphiri di setseng di bolaya le motshegare.
Mme Machete o ne a tswelela ka go tlhalosa fa e ne ya re ka kgwedi ya Phalane ngogola, phiri ya tsena mo lesakeng la gagwe mme ya ganyaola bontsi-ntsi jwa dihutshane tsa gagwe.One a thalosa fa ekile yare ngwaga mongwe gape ya bolaya dinku di le thataro morago ga gore di lale nageng.
O ne a tlhalosa fa diphiri tseo, gape di ne tsa bolaya letsomane la mmangwaneagwe ka bontsi, morago ga gore di ganyaole dikoko tsa gagwe.
Fa a akgela tebang le tsenyo ya ditlou, Mme Machete o ne a tlhalosa fa e ne kwa tshimong a gagwe ditlou di mo senyetsa ngwaga le ngwaga ka di kgaola terata le go ja dijalo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Coleen Machete
Location : Mothabaneng
Event : Potsolotso
Date : 24 Aug 2015






