Breaking News

Ba Ipelegeng ba kgaola ditlhare

24 Aug 2015

E rile kgwedi eno e rogwa babereki ba Ipelegeng mo kgotleng tsa Tshikinyega le Parwe le bone ba tsenya letsogo go kgaola ditlhare mo motseng wa bone.

Fa a bua mo potsolotsong le lekana la dikgang la BOPA bosheng, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Setaolosa Maswabe mo kgotleng tsa Tshikinyega le Parwe mo Mahalapye a re ba bone go tlhokega go bolotsa letsholo la go rema ditlhare mo tseleng go tswa ko sekeleng ya tsela ya Gaborone go ya ko tseleng ya sepatela sa Mahalapye.

O tlhalositse gore babereki ba Ipelegeng ba tsweletse ka go rema ditlhare tse di ka nnang borai mo matshelong a banni ba dikgotla tseo. A re e le palamente ya motse ba gwetlhilwe ke go bona tsela eo e le sekgwa se se makatsang ntswa e dirisiwa bontsi jwa nako ke dikoloi tsa dikotsi tsa tsela go isa balwetse kwa sepatela.

O ne a tlhalosa gore fa dikoloi tsa dikotsi di tla di rwele balwetse, di tshwanelwa ke go fokotsa lebelo ka ntlha ya ditlhare tse di thibileng tsela eo mo go ka tsenyang balwetse mo diphatseng tsa go latlhegelwa ke botshelo ba ise ba goroge kwa kokelwaneng.

Ka jalo o tlhalositse fa komiti ya gagwe e kgathala ka matshelo ka go lemoga gore dikoloi tsa balwetse ba tshoganetso ga di a tshwanela go diiwa ke sekgwa se se apereng tsela eo.

O ne a tlhalosa gore sekgwa seo se ka dia mokgweetsi go potlakisetsa balwetse kwa sepatela a diilwe ke go elatlhako se se ka kgabaganyang fa pele ga koloi jaaka diphologolo,dihutshane le batho. O ne gape a tlhalosa fa sekgwa seo se ka oka magodu ka ba ka nna le sebaka sa go amoga batho dithoto tsa bone ba bo ba itiketsa ka ditlhare tseo ba lebotsa phokoje. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ogomotse Johannes

Location : Mahalapye

Event : Potsolotso

Date : 24 Aug 2015