Mananeo a fa monana seriti
24 Aug 2015
Rre Kgweberego Ramosoka wa Lerala ke mongwe wa banana ba ba ikgantshang ka lenaneo la nyeletso lehuma.A re go ne go le thata ya lentswe botshelo bo gana go lomagana jaaka a ne a eletsa ka jalo a ikaelela go dira ka natla go ikgaratlhela ene le ba lelwapa la gagwe.
A re mo nakong ya gompieno ke monyenyo fela mo lapeng, kutlobotlhoko e nyeletse ka kgwebo ya gagwe e dira bontle.“Dingwaga tse pedi tse di fetileng, ke ne ke se ralelwapa mme ka sone sebaka se ke nyetse, ke rre wa lelwapa e le fa go gatang kgwebo e yame ya thuo,” ga tshwaela Ramosoka.
Rre Ramosoka a re mo bogompienong o kgona go itshetsa le ba lelwapa ebile o kgonne le go tsenya pompo ka a ne a sena kwa a tsayang metsi teng. E rile morago ga go kgarakgatshiwa ke letlhoko la ditiro, Rre Ramosoka yo o dingwaga tse di masome a mararo le botlhano a inaakanya le mananeo a puso, a isa kopo ya gagwe ya go thusiwa ka dihutshane ko go ba LIMID mme a felela a atlegile.
O tlhalositse fa a ne a neelwa dihutsane di le lesome le botlhano ka ngwaga wa 2011 mo teng go na le phoko.A re dipodi ke dingwe tsa diruiwa tse di bogadi bo gaufi mme ebile go tswa bonyenyaneng jwa gagwe, o ne a na le lerato le le tseneletseng mo go tsone ka a ne a eletsa go di rua mo tsamaong ya botshelo.
Rre Ramosoka a re morago ga go lemoga fa kgwebo e dira bontle o ne a nna le keletso ya go e atolosa ka jalo a ikopanya le ba ofisi ya banana go leka go kopa dithuso.
A re ba ofisi ya banana ba ne ba mo tswa matshidiso ka go mo neela dikete tse di masome a matlhano le borataro ka ngwaga wa 2013 ka lenaneo la Youth Development Fund morago ga go lemoga bonatla le bothakga jwa gagwe mo kgwebong.
Dihutshane tsa gagwe fela jaaka tlwaelo ebile ka di bogadi bo gaufi tsa mo tsalela dipotsane.Ramosoka o supile fa kgwebo e godile mme mo nakong ya gompieno a setse a na le babereki ba le babedi, mongwe wa bone e le wa sennela ruri fa yo mongwe e le wa nakwana.
O kaile fa a reile kgwebo ya gagwe leina a re ‘Ramosoka Farm’ ka mo lebakeng leno e atologile go menagane. O tlhalositse gape fa a na le dihutshane di le masome a fera bobedi le borataro le dipotsane di le masome a mararo le botlhano mo lesakeng .Ka sone sebaka se, Ramosoka o kgona go duela babereki ba gagwe ba a ba thapileng, o rekela dihutshane tsa gagwe dijo ebile bana le bone ko lapeng ba kgona go ora molelo wa mariga. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Onalethata Malete
Location : Lerala
Event : Potsolotso
Date : 24 Aug 2015






