Breaking News

Tiriso botlhatswa ya nnotagi e ama maitsholo

24 Aug 2015

Mogolwane wa mapodise a Serowe, Sub-Inspector, Reginah Mochelele a re go supega fa maitsholo a a sa letlelesegeng a golela pele mo kgaolong ya Serowe ntateng ya tiriso botlhaswa ya dino le ditagi.O buile jalo kwa pitsong ya botsogo jwa babereki e e neng e rulagantswe ke ba Serowe Administrative Authority bosheng.

Mme Mochelele a re diritibatsi le nnotagi ke bolwetse mo kgaolong ya Serowe, a tlhalosa fa motokwane le bojalwa e le tsone tse di dirisiwang phetelela. A re ke kgang e e tshwenyang, ka jalo e tlhoka gore bagolo ba motse ba e batlele tharabololo .

Mme Mochelele o tlhalositse fa maduo a tiriso ya nnotagi a ngomola pelo, jaaka go itlhokomolosa tlhokomelo mo malwapeng, kgodiso ya bana e e sa tiyang, dikotsi tsa tsela tse di bakang dintsho le dikgobalo magareng ga tse dingwe.

Mme Mochelele a re mo lobakeng lwa dikgwedi tse tharo tsa ngwaga ono fela, ba kwadisitse dikgang tsa molato wa polao di le nne, tsa petelelo di le masome mararo le bongwe, tsa dititeo di le lekgolo masome a fera bobedi boferabobedi le bobedi, tsa ditlhapa di le masome mane le bosupa, tsa go kgweetsa motho a le mo kgatelelong ya dino di le masome mane le botlhano, fa tsa go kgweetsa ka bofafalele di le masome a mane le boraro. A re mme tse tsotlhe di diragetse ka fa tlase ga kgatelelo ya dino le diritibatsi.

A re diritibatsi le dino di rotloetsa kanamo ya mogare wa HIV ka fa motho a di tsere ga a akanye sentle. Mme Mochelele a re batho ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le borobabobedi go ya kwa go masome a matlhano ke bone ba ba amegang thata mo tirisong botlhaswa ya nnotagi, bogolo jang borre. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mariam Onyafetse

Location : Serowe

Event : Pitso

Date : 24 Aug 2015