Breaking News

Rotary Club e abela sekolo

24 Aug 2015

Mokgatlho wa Rotary club o abetse bana ba sekolo se segolwane sa Mmadinare melora le didirisiwa tse dingwe tsa go tlhapa tse di lopileng dikete tse tlhano.

Mogokgo wa sekolo se, Rre Sechaba Oabile a re o amogela thuso e ba e filweng ka seo e le kgatelopele le go diragatsa maitlamo a tebelopele ya 2016 ya chaba e e lorato e bile e le kutlwelo botlhoko.

O ne gape a re ba mokgatlho wa Rotary Club ba lemogile botlhoki jwa bone, e bile o dumela fa ba tla a dira go feta fa ka ba dirile botsalano le go itlama go thusa sekolo, mme seo se tla  fetisa setshaba golo gongwe.

O ne a gakolola baithuti go dirisa dimpho tse ka kelelelo go fema letshwenyego la letlhoko.

Mogolwane go tswa mo lephateng la thuto mo kgaolong ya Selebi Phikwe-Bobirwa Rre Kenneth Mogapi a re se se dirilweng ke ba Rotary Club ke se segolo ka puso e lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya madi. 

O ne gape a re ke tshimologo ya tse dikgolo ka mokgatlho o ikaeletse go dirisana le bone go ya pele mme seo ke maikaelelo le maikemisetso a batho ba le kutlwelo botlhoko.

Leloko la mokgatlho oo, Mme Sarah Hughes, a re seabe sa bone se segolo ke go dira tiro ya bopelotlhomogi e bile ga se tiro e e motlhofo ka ba lebane le kgwetlho ya go kgobokanya madi go thusa ba ba thokang thuso, mme seo se kgonagala fela fa motho kana batho ba na le maikaelelo.

O ne a tlhalosa gore gore ba na le mananeo a ba dirang jaaka go jesa bana ko Botshabelo go lwantsha tlhaelo ya dikotla  le go abela bana ba ba dirileng sentle mo dithutong.

Fa a ntsha la gagwe morutabana wa tsa bokaedi le bogadikolodi, Mme Diana Tshambane, a re o itumeletse thuso e o ka selo se se molemo mo botshelong ke go nna se o leng sone gore botlhoki ja gago bo kgone go lemogile.

O ne a re ka sekolo sa bone se na le bana ba dikgaolo tse di kgakala le ditlamelo mme bontsi jwa bone batla ba sena le fa e le molora kana e tlhaele setlha se ntse se tsweletse mme seo se ketefalele baithuti go tlhokomela dithuto tsa bone.

O ne a tswelela a re tlhaelo ya didirisiwa tse e ne e mo tsenya mo kgatelelong ya go kopa babereki ka ene didiriwa tseo mme monongwaga e nnile o o pharologanyo ka ba amogetse dithuso go tswa mo batsaa karolo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaone Busang

Location : Selebi Phikwe

Event : Kabo dimpho

Date : 24 Aug 2015