Re Re Anyalana e aga malwapa kwa Maunatlala
24 Aug 2015
Mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala, Rre Prince Maele o itshwaragantse le ba lekgotla la Re Anyalana go rotloetsa lenyalo mo kgaolong ya gagwe.
Mopalamente yo e bileng e le tona wa ditsha le matlo o ntshitse dikgomo go tsamaisa lenaneo le la Re Anyalana mo kgaolong ya gagwe.
Se se builwe ke Mme Annah Morwaagole yo e leng ene motlhami wa lekgotla la Re Anyalana bosheng kwa phuthegong e e neng e tshwere kwa motseng wa Maunatlala.
Mme Morwaagole o lebogile thata mopalamente wa Kgaolo ya Lerala/Maunatlala go dira thulaganyo e e ntseng jaana .
A re maikaelelo a phuthego e ke go ruta, go tlhabolola le go rotloetsa botlhe go tsaya boikarabelo jwa go kwadisa manyalo mo lekgotleng le la Reanyalana.
Mme Morwaagole o boletse fa Re Anyalana e le mokgatlho wa boithaopi o o tsamayang le lefatshe lotlhe “o rera efangeli e e reng ‘a re nyalaneng.”
O supile gape fa Re Anyalana e le tumalano ya batho ba le babedi ba lemoga se ba leng sone kgotsa seriti sa bone.
A re mokgatlho wa gagwe o tshwentswe thata ke batho ba ba nnang fela mmogo ba sa nyalana dingwagangwaga mme e re morago fa mongwe wa bana a tlhokafala kana mongwe wa bobedi jo a tlhokafala go bo go tsoga diletseng.
Mme Morwaagole a re lenyalo ke tshegofatso mo lapeng ebile ga le ture , “go tura dikakanyo tsa rona re le batho.”
O boletse fa bogadi jone e le tebogo kgotsa bogadimo jwa ngwana mme e bile o supile fa tautona wa lefatshe leno a re bogadi ga se sekgoreletsi ka ga bo bo na le seelo.
Ka jalo o rotloeditse batsadi go tlogela go tsietsa le go kgoreletsa bana go nyalwa ka mabaka a bogadi.
E rile a tswelela, Mme Morwaagole a kopa botlhe ba ba batlang go tsaa mosepele o wa Re Anyalana go sala tsamaiso ya merero ya Setswana morago ka Re Anyalana e dumela thata mo morerong wa Setswana.
O kopile bomme go emisa se a se biditseng go reka lenyalo ka bana ba ba tang ka bone ka go le gantsi bomme ba bipa mpa ka mabele le ntswa bana ba bone ba dirisiwa botlhatswa mo lenyalong.
Mme Morwaagole o buile gape a kopa borre go tlhokomela serodumo sa bone .
O ne gape a gwetlha bomme le borre go tlhokomelelana mo nyalong ka ke sone se Modimo a se eletsang gore botlhe ba ka se dira.
Mme morwaagole o kopile morafe go lemoga maikaelelo le bonatla jwa baeteledipele ba bone ka jalo o gwetlhile botlhe go tlogelwa go diiwa ke batho ba sa itlhabolole.
O gwetlhile botlhe go amogela le go innaakanya le Re Anyalana ka e fano go naya bana le malwapa seriti.
Morafe o ne wa nna le sebaka sa go akgela le go botsa dipotso mo mofagong o ba o neetsweng mme ba ne ba supa boitumelo jo bogolo ebile ba re ba eletsa gore Mme Morwaagole o ka tswelela ka thuto e e molemo e.
E rile a leboga, mokhanselara wa motse wa Maunatlala Mme Salome Lesole a akgola ba lekgotla la Reanyalana ka tiro e ntle e ba tsweletseng ka go e dira lefatshe lotlhe ka bophara.
Mme Lesole o kopile ba Maunatlala go tshwaragana le go kwadisa manyalo ka bofefo jo bo rileng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Onalethata Malete
Location : Maunatlala
Event : Moletlo
Date : 24 Aug 2015






