Breaking News

Mokgatlho o abela mo-na-le-bogole

23 Aug 2015

E tla re kgwedi eno e le masome a mabedi le borataro mokgatlho wa vision support group o abele mo-na-le –bogole setilo sa maotwana se se tla mothusang go tsamaya.

Fa a bua mo potsolotsong le ba BOPA bosheng, m oeteledipele wa mokgatlho  Rre Ontlametse Rampoo o supile fa e ne yare ka dingwaga tsa 2011 le 2012 bane ba ngomoga pelo fa ba bona mo-na-le-bogole yoo a tshegeditswe ke ngwana wa gagwe,yo ka nako eo a ne a tsena sekolo se se botlana kwa Mokoswane.

A re bane ba botsa setshaba se se neng se le foo gore mosadi yole go diragalang ka ene fa a tshegeditswe jaana.

A re one a tlhalosediwe gore Mme yo o thutswe ke Koloi makgetlho e le mabedi mme se se ba utlwisa botlhoko fela thata ka jalo ba thulanya ditlhogo go mo tswa thuso.

Moetelediplele wa Mokgatlho a re bane ba tabogo lebelo ba kopa dithuso mo dikomponeng mme ka lesego kompone ya maitiso ya Ozone night club ya utlwa selelo sa bone ya ba rekela setilo sa maotwana se ba tla seabang fa kgwedi eno ele masome mabedi le borataro kwa motseng wa Mokoswana ko kgotleng.

O tswelela a tlhalosa fa kompone ya Ozone night club e sa leba fela go tsaya madi a Batswana fela mme e kgatlhala ka matshelo a batho e bile e rata go abela ba ba tlhokileng Lesego mo setshabeng.

Santse go le foo,o ne a tlhalosa maikaelelo a bone ele mokgatlho a re gantsi bone ba itebagantse le dilo tse HIV/AIDS le go ntse jalo a re bane ba bona go le botlhokwa go thusa ba-na-le-bogole ka gore go na le ba ba tshelang ka mogare wa HIV/AIDS.

O tswelela a tlhalosa fa bane ba thusa mo-na-le bogole yo ba lebile seemo sa gagwe,ka gore one a sokodisa ngwana ka go mothusa go mo tsamaisa gape seemo sa gagwe se ne se ka ama ngwana ko dithutong ga mmogo le tlhaloganyo ya gagwe tota ka o dira tiro e sa molekanang.

Mo go tse dingwe, Rre Rampoo a re ba tswa kgakala ba abela ba ba tlhokang.

A re ne yare ka ngwaga wa 2009 bane ba abela monana mongwe wa motlhoki dilwana tse di lopileng makgolo a marataro a dipula ko Boseja mo Mahalapye.

O supile fa mo nakong e fitileng ba setse ba kile ba abela batlhoki dilo di tshwana le ditilo tsa maotwana tse di dirisiwang ke ba-na-le-bogole,dijo le dikobo mo metseng ee farologanyeng.

A re gape bane ba abela banni ba motse wa Setsile le Mokoswana diaparo,a re gape ba abetse motlhoka pono thobane ya botlhoka pono e e dirisiwang go ba supegetsa tsela.

O boletse fa go tla nna le motshameko(drama) ka setlhopha sa Motsikiri youth group ko moletlong wa go aba setilo seo ka gore motshameko oo,o gasa molaetsa gape o a ruta ka dilo tse di amang matshelo a batho mo gae.

A re maphata a farologanyeng a laleditswe jaaka ofisi ya Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba,ofisi ya Boipelego ya Khansele potlana ya Mahalapye le maphata a mangwe.

O tlhalositse fa se ba se dirang ele mokgatlho wa vision support group se le botlhokwa ka se araba selelo sa ga Tautona sa go nna setshaba se se kutlwelo botlhoko mo go ba ba tlhokileng Lesego mo botshelong.

O ne a rotloetsa morafe ka kakaretso gore mokgatlho ke oo ba o dirise ba kope dithuso fa go kgonagala batla thusiwa ka boineelo.

Rre Rampoo o kgotlhaditse maloko a vision support group le botlhe ba ba nnileng le seabe mo go abelang ba ba tlhokang go tswelela ka mowa o wa bopelotlhomogi,a ba a gwetlha dikompone tse dingwe go tsaya malebela a gatelela fa seabe sa mekgatlho ya bopelotlhomogi mo setshabeng se tshwanetse go bonagala. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Ogomotse Johannes

Location : Mokoswane

Event : Potsolotso

Date : 23 Aug 2015