Letsema le thata ka mong
23 Aug 2015
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Dukwi rre Boynyana Lesole a re puso e dira ka gotlhe go fokotsa lehuma le le feteletseng mo Batswaneng.
Fa a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, a re ka jalo go botlhokwa gore ba ba amegang ba dirise sebaka se go tokafatsa matshelo a bone.
Rre Lesole a re mananeo a akaretsa a nyeletso lehuma, le a mangwe ka go farologana ke tsela ya go tlhagolela tsela le gone go rotloetsa mowa wa boipelego o o ka fokotsang go ikaega ka puso.
Modulasetilo a re bangwe ba batho ba mo nakong eno e leng batlhoki ke batho ba ba itekanetseng go ka ikemela le gone go itirela mme ba santse ba ikaegile ka puso.
A re Batswana ba tshwanetse go tlhaloganya fa puso e rwele boikarabelo jwa go diragatsa ditlhabololo lefatshe lotlhe ka bophara di akaretsa ditirelo tsa thuto, botsogo le tse dingwe tsa botlhokwa ka go farologana.
Ka jalo, a re batho ba tshwanetse go ititaya ka thupana ba tlogela mokgwa wa go batla go direlwa sengwe le sengwe.
Rre Lesole o supile fa go le botlhokwa go ipatlela maano a itshetso a akaretsang ditiro tsa diatla.
O bile a re le ntswa puso e baya dikeletso tsa Batswana kwa pele ka go lomaganya maano a a ka thusang go tokafatsa matshelo a bone, go diga maikutlo go bona bangwe ba ba filweng dithuso ba ntse meriti e tsididi go ka tla ka metlhale e mengwe ya go godisa dikgwebo tsa bone.
A re bangwe bone ga go sepe se ba ka se supang se e leng maduo a mananeo a mme o gakolotse gore e re jaaka puso e dira ka gotlhe jaana, Batswana le bone ba tsenye moko mo go supeng kgatlhego le tebogo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Clara Thamae
Location : Dukwi
Event : Potsolotso
Date : 23 Aug 2015






