Mokukutu ke motswedi wa 8232botshelo
23 Aug 2015
Batswana bangwe ba inaakantse le segabone ka go iphataphatela go rekisa maungo a Mokukutu.
Mme Gaegomotswe Rametsi wa moraka wa Phathane gaufi le Sehithwa, o boleletse lekalana la dikgang la BOPA mo potsolotsong bosheng gore setlhare sa Mokukutu ke losika lwa Mokgomphatha ebile se gola fela jaaka sone.
Fela a re Mokukutu one o bonwa kwa dikgaolong tsa mekwakwa jaaka kwa mantsweng a Kgwebe le kwa Kuke.
O boletse fa maungo a Mokukutu, a le masetlha ka mmala, a na le dikotla fela jaaka maungo a mangwe.
A re morago ga go bapala maungo a, o fofora makape a teng go baakanyetsa moreki gore a seka a sokola go o ja kgotsa a kgangwa.
O tsweletse ka go tlhalosa fa Mokukutu fela jaaka Mogwana, o kgona go jewa ka mashi, mme a re bangwe ba reka Mokukutu go dira dimonamone mo meletlong fa bangwe ba o rekela go itlosa bodutu.
Mme Rametsi a re theko ya Mokukutu e a nametsa fela thata ebile bana ba gagwe ga ba lale ka tlala.
A re ngogola o bapetse dikgetsi tse ditona di le lesome, mme a kgona go reka dipodi tse pedi go thapa batho go mmaakanyetsa tshimo gammogo le go duela balemi.
Le fa go ntse jalo, Mme Rametsi a re monongwaga o bapetse dikgetsi di le tharo fela ka a ne a diilwe ke go roba kwa masimo ka a ne a bonye thobo e e botoka ya marotse le dinawa.
A re Mokukutu o ratwa bobe ke ditlou le ditshwene tse a kaileng fa monongwaga le tsone di nnile sekgoreletsi mo papading ya one. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keagisitswe Dioka
Location : Maun
Event : Potsolotso
Date : 23 Aug 2015






