Bogodu jwa diphologolo bo a tshwenya
24 Aug 2015
Mookamela mapodise a Tsabong mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, Superintendent Howard Modo o kopile setshaba go emisa mokgwa wa go meletsa diphologolotsa nagamathe ba ithute go tshela le tsone ka di na le seabe se se ntsi thata mo itsholelong ya lefatshe leno ka go oka bajanala.
Superintendent Modo o buile jalo mo potsolosong le BOPA bosheng morago ga gore ba tshware banna ba fera bobedi gaufi le lefelo la diphologolo la KD 27 mabapi le go fitlhelwa ka nama ya diphologolo.
Mookamela mapodise o ne a tlhalosa fa e ne ya re kgwedi e no e le lesome le bongwe ba bolotsa letsholo la beke le le akaretsang badiri ba lephata la diphologolo, mapodise le masole go dikologa mafelo a diphologolo ba etse seemo tlhoko.
Superintendent Modo o kaile fa mo letsatsing la ntlha le la bobedi banna bao ba ne ba fitlhelwa ka nama ya kgama, phuduhudu le dikukama tse pedi, dikoloi tse pedi, ditlhobolo tse pedi ga mmogo le marumo.
Mookamela mapodisi o ne a kaya fa banna bao, ba tlholega kwa Tlokweng mo kgaolong ya Borwa Botlhaba, Logaganeng, Maubelo le Tsabong kwa Kgalagadi Borwa.
Superintendent Modo o ne a supa fa e tlaa re mo bogaufing banna bao ba isiwe fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata go lebisiwa molato wa go tsoma ba sena diteseletso, mme fa ba ka bonwa molato ba ka atlholwa madi kana kgolegelo.
Superintendent Modo o ne a kaya fa ba tshwenngwa ke bogodu jwa diphologolo jo ba bo begelwang kgapetsakgapetsa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Potsolotso
Date : 24 Aug 2015






