Breaking News

Motlhanka o inamola lehuma

23 Aug 2015

Mme Watshipi Motlhankana wa Moshupa mo kgotleng ya Jerusalema, ke mongwe wa Batswana ba ba amogetseng thuso ya lenaneo la Nyeletso Lehuma. 

Maikaelelo a ga Mme Motlhankana ke go inamola mo lehumeng ka go rekisa ditlhatshana tsa maungo a a jewang le tse di kgabisang mme o tlhalositse fa boturu jwa dipeo bo gomagometsa go phirimisa ditoro tsa gagwe.

Mme Motlhankana o tsere lenaneo la go lema ditlhatshana ka 2012. Fa bangwe ba ne ba tsaya mananeo a tshwana le a merogo le dihutshane ene o ne a tsaya la ditlhatshana ka a na le lorato mo go tsone e bile a batla go kabakanya kgwebo mo motseng. A re o ipapatsa mo banning ba Moshupa.

Fa a simolola go lema ditlhatshana, Mme Motlhankana o ne a bona thuso ya ditlhatshana tsa moretlwa. A re ditlhatshana tse di ne tsa rekwa tsa bo tsa fela. 

Go tswa foo a re o ne a mammanyetsa ka mo a nang le gone go reka peo ya ditlhatshana tse dingwe tsa maungo le tse di kgabisang. Are mo bobeding jo, peo ya ditlhatshana tse di kgabisang ke yone e e turu go gaisa mme e bile ditlhatshana tsa teng ke tsone tse di rekwang thata. 

Le fa go ntse jalo, Mme Motlhankana o akgotse lenaneo la Nyeletso Lehuma a re le fa ditlhare tsa gagwe di sa rekwe kgapetsakgapetsa, thebe yo o mmoneng o mo isa golo gongwe ka go reka tse di tlhokegang mo lwapeng.  

E re ka kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho, Mme Motlhankana o tlhalositse fa boturu jwa peo boka seke bo mo kgobe marapo mme a tlaa tswelela ka kgwebo ka a lemogile fa e ka mo thusa go inamola mo lehumeng. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Nolithando Phumusa

Location : Moshupa

Event : Potsolotso

Date : 23 Aug 2015