Breaking News

Kereke e latlhagelwa ke tsela

23 Aug 2015

Tona Prince Maele wa lephata la ditsha le matlo o gwetlhile dikereke go tlhomamisa gore di dira ditiro tse di ka tokafatsang matshelo a batho.

Fa a bula semmuso phuthego ya ngwaga le ngwaga ya lekgotla la dikereke tsa semoya kwa Nlapkhwane bosheng, Tona Maele o ne a supa matshwenyego ka go wela tlase ga seabe sa kereke mo go tlhabololeng setshaba.

Rre Maele o ne a tlhalosa fa pele ga boipuso kereke e ne e dira go le gontsi go thusa go tlhabolola lefatshe leno.

O ne a fa sekai ka seabe se kereke e nnileng le sone mo go tsa botsogo, thuto ga mmogo le go isa ditlhabololo tsa dikago mo dintlheng tse di farologanyeng tsa lefatshe leno.

Rre Maele o ne a gatelela botlhokwa jwa gore kereke e itshekatsheke go batla fa tota e ka tswang e latlhile tema teng.

A re tsholofelo e ne e nnile gore seabe sa kereke mo go tlhabololeng lefatshe leno se gole morago ga boipuso ka jaanong puso e ne ya rebola gore go obangwe ka tshosologo ntle le sekgoreletsi sepe.

Rre Maele o ne a ikuela mo dikerekeng go itlotla le go nna sekao mo setshabeng ka go sa amegeng mo ditiro dipe tse di fatlhang.

O gwetlhile baeteledipele ba dikereke segolo bogolo go kgaratlhela go busetsa seriti se kereke e kileng ya bo e na le sone, a re go dira jalo go ka tlhomamisa gore kereke ka e tsewa tsia.

Tona Maele o ne a gwetlha baruti le bagogi ba bangwe ba dikereke go tlhomamisa gore maloko a dikereke tsa bone a babalesegile.

O ne a supa fa go tshwenya fa go a ne go nna le ditiragalo tse mo go tsone batho ba tlhokafala ka nako ya kolobetso.

A re se se supa go tlhoka boikarabelo ga baeteledipele ba dikereke fa go tla mo dikgannyeng tsa pabalesego ya maloko.

Tona Maele o ne gape a supa ngongora ka boseyong jwa tsamaiso e e lolameng mo dikerekeng tsa semoya.

A re mo mabakeng a mantsi dikereke tseo ga di na thulaganyo e e tsepameng ya gore dilo di dirwa jang, a a fa sekai ka dibuka tsa madi tse a boletseng fa go le gantsi di se yo kana di se mo maemong a a tshwanetseng.

Rre Maele o ne a ikuela mo lekgotleng la dikereke tsa semoya go supa tumelo ka ditiro ka go inaakanya le ditiro tse di ka fetolang matshelo a Batswana ba ba tlhokileng lesego ka mabaka ape fela.

E ne ya re a latlhela la gagwe, moeteledipele wa lekgotla leo, Rre Phillimon Motlhagodi a dumalana le mafoko a gore kereke e tshwanetse ya nna sekao mo setshabeng e bile e tshwanetse ya tsosolosa ditiro tse dintle tse e kileng ya bo e itsege ka tsone. 

Rre Motlhagodi o ne a ntsha matshwenyego ka baruti bangwe ba ba tseneletseng mo dikgannyeng tsa polotiki.

O ne a kgala mokgwa oo a menne phatla, a re baruti ba tshwanetse ba lemoga fa tiro ya bone e le go kopanya setshaba, e seng go se aroganya go ya ka diphathi tsa sepolotiki.

Gape o ne a kgala baruti ba ba buang kgatlhanong le puso, selo se a boletseng fa se supa fa baruti ba go nna jalo ba sa tsee ka tlhoafalo tiro ya bone ya go nna bagakolodi ba puso.

E ne e rile go le pele a ntsha lefoko la kgothatso, Moruti Zose Masalila a tlhalosa fa go ata ga mekgwa e e duleng mo tseleng mo setshabeng e le sesupo sa gore kereke ga e dire tiro ya yone ya go betla le go bopa setho se se amogelesegang mo bathong.

O ne a ikuela mo kerekeng go tsaya maemo a yone mo setshabeng ka go dira ka botlalo thomo e Modimo a e e tlhometseng mo lefatsheng.

Phuthego eo ya dikereke tsa semoya e ne e le ya borataro ya ngwaga le ngwaga mme e ne e efa lekgotla sebaka sa go ithuna dinta le go betla tsela go ya isagong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : Nlapkhwane

Event : Phuthego

Date : 23 Aug 2015