Mananeno a puso a nyeletsa 8232lehuma
24 Aug 2015
Mothusa tona wa merero ya ofisi ya ga Tautona le bodirelapuso Rre Dikgang Makgalemele, a re fa Batswana ba ka ikemisetsa go dirisa mananeo a mmuso a tshwana nyeletso lehuma, ISPAAD, LIMID le la banana ba ka kgona go ikinola mo lehumeng le go fedisa selelo sa letlhoko la ditiro.
Rre Makgalemele o buile mafoko a bosheng mo phuthegong e mo go yone a neng a tlhalosetsa banni ba Mahalapye ka ditirelo tsa lephata la gagwe le melawana e badirelapuso ba tshwanetseng go e diragatsa go bona gore setshaba se thusiwa ka nako e e tshwanetseng.
A re e re ka go lebega bontsi jwa Batswana ba sa kgone go dirisa mananeo a puso go tlhabolola matshelo a bone le go simolola dikgwebo tse di ka direlang banana ba lefatshe leno ditiro, ke sone se Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama a romileng mothusi wa gagwe Rre Mokgweetsi Masisi go batla megopolo le methale e e ka dirisiwang go direla Batswana ditiro tse ba ka itshetsang ka tsone.
Rre Makgalemele yo ebileng e le mopalamente wa Shoshong, a re fa Batswana ba ka tlhwaafalela go dirisa mananeo a ISPAAD, LIMID le la YDF go simolola dikgwebo tsa dikoporase, thuo ya dikgomo tsa mashi, temo ya maungo le merogo le thuo ya dihutshane ba ka kgona go fedisa selelo sa letlhoko la ditiro le go diragatsa maikaelelo kana toro ya lefatshe la Botswana ya gore ka ngwaga wa 2017 lefatshe leno le bo le nyelditse lehuma la nta ya tlhogo.
Mothusa tona o rile le ntswa go na le melawana e le lesome e e pateletsang badirelapuso go thusa setshaba ka nako e e beilweng le ka botswerere, seo ga se reye gore setshaba se ba gatake ka dinao ka jaana Setswana se re susu ilela suswana gore suswana a go ilele.
Rre Makgalemele o tsweletse ka go tlhalosetsa ba ba neng ba tsene phuthego eo, ba ba neng ba akaretsa Kgosi Tshipe, modulasetilo wa khansele ya kgaolo-potlana ya Mahalapye, Rre Tassman Cebani le mothusa molaodi wa kgaolo Mme Boitumelo Mokwena, gore mangwe a maikaelelo a gagwe ke go okamela tsamaiso ya makgotla a ditsheko, mosireletsi wa setshaba, lekalana la dibetso tsa tlholego, tsamaiso ya lenaneo la nyeletso lehuma, lekalana la tshenyetso setshaba le tlhokomelo ya ba-na-le bogole.
Erile Kgosi Tsoebebe Segotsi le motshwarelela modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Rre Goabaone Mompati ba lekodisa mothusa tona ka ditlhabololo tsa motse wa bone ba lebogela go bo mmuso o simolotse tiro ya go gokelwa ga diphaephe tse di tlaa phatlalatsang metsi le motse wa Mahalapye gammogo le lenaneo la nyeletso lehuma le la Ipelelgeng a ba tlhalositseng fa a thusitse Batswana ba le bantsi ba ba neng ba wela mo isong.
Kgosi Segotsi le Rre Mompati ba ikuetse mo go mothusa tona ka bogodu jo bo ileng magoletsa jwa maotwana a dikoloi masigo, mme ba kopa gore motse wa Mahalapye o okelediwe mapodise.
Mo phuthegong eo, morafe o ne wa otlelela mafoko a ga Kgosi Segotsi mabapi le botlhokwa jwa lenaneo la nyeletso lehuma, Ipelegeng gammogo le la ISPAAD le LIMID ka ba re a kgonne go thusa batho ka dihutshane le ditante tse ba di hirisang go tshetsa ba malwapa a bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : Mahalapye
Event : Phuthego
Date : 24 Aug 2015






