Breaking News

Kereke e kgothatsa banni go tsepama mo Modimong

23 Aug 2015

Phuthego ya Saint Adam Healing e e tswang Mochudi e ne e etetse Draaihoek bosheng e tsile go rapelela batho mabapi le diemo tsa matshelo.

Go bolelwa fa bangwe ba banni ba motse o, ba ne ba ba tshwenya ka megala ba kopa gore ba tle go rapela le bone mme ba sekegela selelo sa bone tsebe.

Mookamedi wa kereke e, Rre Adam Moilwa o boletse fa keletso ya gagwe e le go bona setshaba sa Botswana se boetse mo Modimong.

A re ditshele, mafufa, malwetse le mekgwa e mengwe e e senyang matshelo a batho di ka nyelela fa banni ba ka bopagana ba tshwaragana ka tumelo ka go nna lesedi.

A re ntleng ga moo ditlhabololo di ka seke di ntsifale mo dikgaolong kana metsaneng le bone bagwebi ga ba kitla ba tswelela, agatelela ka go re gompieno puso e kgothatsa banana go itshetsa ka diatla. 

E rile a ntsha la gagwe, mongwe wa bagolwane mo kerekeng eo, Rre Bobbie Setshedi o ne a tlhalosa fa ba kile ba tla thapedisong ya mokereki ka bone. 

Ka jalo batho ba motse ba ba bonela teng ba bo ba rata tsamaiso le ka fa ba neng ba thusa ka teng. 

A re ntleng ga letlhoko mo Draaihoek, motse o tlhokana le thapediso e ntsi..

A re mo kerekeng ya bone ba setse melawana le matshego a 2016 le tsamaiso ya kereke morago.

O ne a tlhalosa fa ba dira dikoleke mme ba rekele batho ba ba yang go kereka le bone dilwana di tshwana le dijo le diaparo. 

A re totatota se ba lwang le sone ke kgodiso ya bana e e lolameng ya go ba itsa nnotagi, boimana jwa bana ba dikole ga mmogo le boitaolo jwa bone. 

O ne a bolela fa keletso ya bone e le go ba tsisa gaufi le tumelo ya sekeresete jaaka batsadi ba bone ba eletsa.

Ka jalo keletso ya bone ke go tsamaya le mafelo a a iseng a gole thata le dikole tse di kgolwane ba ruta lefoko la Modimo.

O ne gape a tlhalosa fa e rile go le pele fa ba tsena mo Draaihoek ba feta ba bona leuba le tshotlego di wetse bagodi le bana mme ba nna le moono wa go tsenya lebogo mo go seo ka go ba fa diaparo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keiketlile Kelefhile

Location : Draaihoek

Event : Tirelo ya thapelo

Date : 23 Aug 2015