Breaking News

Se bipeng mpa ka mabele - Kgosi

23 Aug 2015

Dikgang tsa go sireletsa ba ba tlolang molao go bolelwa fa di atile kwa Ngwapa mo kgaolong ya Tswapong.

Se, se boletswe ke Kgosi Jimmy Moremi wa Ngwapa mo potsolotsong.

A re motse wa gagwe o angwa thata ke dikgang tsa borukhutlhi mme se se tshwenyang ke gore gantsi batho ba ba amegang ba bipa badira melato.

A re ka ntata ya go loba badira melato, bontsi jwa dikgang tsa borukhutlhi tse a di amogelang di felela mo phefong.

A re ka go twe monwana o o esi ga o rune nta, morafe o tshwanetse wa tshwaragana le dikgosi ga mmogo le mapodise go tsisa kagiso mo setshabeng.

O ne a gakolola banni go itse fa tiro ya bone e le go bega dikgang tsotlhe tsa tlolo molao.

Kgosi Moremi o ne a bolela fa ene le mapodise tiro ya bone e le go tlhotlhomisa dikgang tsa borukhutlhi le go atlhola dirukutlhi.

Fa a afa dikai tsa dingwe tsa dikgang tse a reng ga di mo robatse, Kgosi Moremi a re bana ba basetsana ba dirisiwa mo go tsa tlhakanelo dikobo ba santse ba le dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borataro.

A re e setse e le selo modiro gore ngwaga le ngwaga mosetsana yo o dingwaga tse di kwa tlase a bo a tswa mo sekoleng ka ntlha ya boimana.

Kgosi Moremi a re sebe sa phiri e bo e nna gore batho ba ba dirang bana bao jalo, ba a sirelediwa ka batsadi ba sa bege ditiragalo tse.

A re kgang e nngwe e e sa mo jeseng diwelang ke ya batsadi ba ba letlelelang bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borobabobedi go ya go bereka kwa dipolasing tse di gaufi le Ngwapa.

A re batsadi, masika le morafe ka kakaretso ba itlhokomolosa molao wa dingwaga tse ngwana a tshwanetseng go ka bereka a le mo go tsone ka gore ba a bo ba lebile go oba letsogo fela, a kaya fa bontsi jwa bana bao e le ba ba tlogetseng dikole.

Go sale foo, Kgosi Moremi o tlhalositse fa a sa jesiwe diwelang ke banana ba ba tsomang diphologolo mo dipolasing tse di gautshwane le motse. 

A re o utlwisiwa botlhoko ke gore bontsi jwa batsadi ga ba kgatlhegele go itse kwa bana ba bone ba tsayang nama teng fa ba goroga ka yone mme ba e amogela fela ka tsoo-pedi. 

O tlhalositse gore gantsi fa mapodise ba tsile go tlhotlhomisa dikgang tse, batsadi ba ipaya ba ba sa itseng sepe.

Ka jalo, kgosi Moremi o ne a tlhaba batsadi podi matseba a re selo seo ga se supe fa ba rata bana ba bone mme ba tsenya matshelo a bone mo diphatseng.

Kgosi Moremi o ne a bolela fa go na le kgonagalo ya gore beng ba dipolase tse ba tsomang mo go tsone go se na ditumalano, ba ba golafatse kgotsa ba tlhaselwe ke diphologolo tse di borai tse di mo dipolasing tseo.

O boletse fa a dirile maiteko a go tshwaragana le ba mapodise, ba boipelego le bone batsadi go tla go gakololana ka dikgang tsa tlolo molao le go loba badira melato mme batsadi ba ne ba tla ka dipalo tse di kwa tlase. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : Ngwapa

Event : Potsolotso

Date : 23 Aug 2015