Bahurutshe ba ipelela ngwao
20 Aug 2015
Bahurutshe ba ga Mmapula-a-Modisane ba tlaa tlhola ba ipelela ngwao.
E rile a bua le BOPA mo potsolotsong maabane, Kgosi Robert Mangope a re Mothusa Tauotona, Rre Mokgweetsi Masisi, yo e bileng e le mopalamente wa Moshupa/Manyana o solofetswe go tsena mokete oo.
A re Bahurutshe go tswa Tonota, Mmankgodi le Mogonye, ba a tlhalositseng fa e le bana ba motho, ba tlaa bo ba tshwaraganetse moletlo.
Kgosi Mangope o tlhalositse fa motse wa oo-Manyana o na le ditso tse di nonneng ka e le one o Batswana ba neng ba ikopanya go lwantsha morafe wa batho basweu ba ba neng ba sa ba jese diwelang ka nako eo.
A re ba eletsa go dira difikantswe tsa dikgosi tsa merafe yotlhe e e kileng ya nna mo Manyana jaaka Bangwato, Bakgatla, Bangwaketse, Bakwena le ba bangwe gore ba seka ba lebalesega mo ditsong tsa lefatshe leno, selo se a reng se tlaa thusa go ngokela bojanala kwa kgaolong eo.
Kgosi Mangope gape o lebogetse banana go bo ba supile kgatlhego ya go natetsha letsatsi leo ka metshameko le mmino wa ngwao, selo se a reng se supa kgatelopele.
O bile a tlhalosa fa monongwaga ba laletsa batho ka bongwe ka bongwe go tla go bapatsa mekgabisa ya ngwao go na le dikhamphani jaaka ba ne ba dira mo dingwageng tse di fetileng.
A re maikaelelo ke gore ba fe batho sebaka sa go ipapatsa ba tle ba kgone go tswelele ba dira kapari le mekgabisa e e supang ngwao.
Kgosi Mangope o lebogetse puso go tswelele e ba eme nokeng mo maitekong a bone a go tsosolosa le go tshegetsa ngwao ya Bahurutshe.
E rile a ntsha la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ngwao, Rre Gababotswe Leiso le ene a tlhalosa fa ba batla go fetolela ngwao ya Bahurutshe kwa bojanaleng ka go somarela matlotlo a ditso mo kgaolong ya bone gore bajanala ba kgone go tla go a bona, selo se a reng se ka tlhamela banana ditiro. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Topo Monngakgotla
Location : Manyana
Event : Potsolotso
Date : 20 Aug 2015






