Mokgosinyane o ora wa mariga
20 Aug 2015
Mme Khumoetsile Mokgosinyane wa kgotla ya Mokgosi mo Kanye o akgola mogopolo wa ga Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama wa go ntsha mananeo go namola Batswana mo lehumeng la nta ya tlhogo.
Mme Mokgosinyane, yo e leng mongwe wa Batswana ba ba akotseng lenaneo la nyeletso lehuma o boleletse lekalana la dikgang la BOPA fa a ne a kopa a ba a fiwa lenaneo la go dira moriri ka ngwaga wa 2013.
Mme Mokgosinyane yo o dirileng mophato wa boraro kwa sekoleng se segolwane sa Bathoen mo Kanye are fa e sale kopo ya gagwe e atlega ga a sa tlhole a tshelela mo lehumeng jaaka pele.
A re o ne a fiwa didirisiwa tsa go dira moriri ka go farologana. O tlhaloseditse BOPA gore o ne a isiwa sekoleng ke puso kwa Ramatea Vocational Training dibeke tse thataro.
O buile gore dithuto tse a di filweng di tsisitse pharologanyo ka jaanong a itse go dira meriri ka mefuta. Mme Mokgosinyane yo o dingwaga tse di masome mabedi le bosupa, o buile a sa kgale mathe ka tiro e ntle e e dirilweng ke puso.
A re gompieno botshelo jwa gagwe bo fetogile fela thata fa go tshwangtshanngwa le pele a fiwa lenaneo. O tlhalositse gore le fa dipoelo e se tse a neng a di solofetse, o kgona go dira sengwe sa botlhokwa ka matsana a a a bonang.
A re o dirisa dipoelo go thusa mo lwapeng le go duelela ngwana wa gagwe sekolo fa bontlha bongwe jwa dipoelo bo ya kwa polokelong. A re gompieno o na le seriti ka jaana o na le polokelo ya banka jaaka batho ba bangwe.
O kaile fa kgwebo ya gagwe e kopana le dikgwetlho di le mmalwa nngwe ya tsone e leng paka ya mariga ka batho ba sa dire meriri thata ka paka ya mariga. A re kgwetlho e nngwe ke go tlhoka boammaaruri mo bangweng bareki ba gagwe ba ba tsayang sekoloto mme morago ba seke ba duele jaaka e le tumalano; selo se a reng se tlhaetsa madi a go tsamaisa kgwebo.
Mme Mokgosinyane o rotloetsa banana jaaka ene go kopa mananeo a nyeletso lehuma ka e le a Motswana mongwe le mongwe.O ne a gatelela gore banana ba itshephe e bile gape ba dumele gore ba ka kgona. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leteng Nokwane
Location : KANYE
Event : Potsolotso
Date : 20 Aug 2015






