Bakgweetsi8232 ba tlola molao
20 Aug 2015
Kgosi Malang Galeate wa Serinane mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng a re ga a jesiwe diwelang ke bakgweetsi ba ba dirisang tsela ya Letlhakeng/Molepolole, e e ralalang motse wa gagwe ka a re ba kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo ebile ba sa obamele matshwao a tsela.
O boletse mo potsolotsong gore go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng mo tseleng eo le go tlhoka go rekegela matshwao a tsela go baya matshelo a banni ba motse wa Serinane mo diphatseng segolo jang baithuti ba ba kgabaganyang ba ya sekoleng.
A re le ntswa mapodise a tsweletse ka go dira maiteko a go tokafatsa seemo ka go dira dikganedi tsa tsela gangwe le gape, seo ga se dire pharologanyo e e kalo ka jaana bakgweetsi ba ba dirisang tsela eo ba feta mo maphakeleng thata, kgotsa bosigo mapodise a ise a theogele kgotsa a setse a golotse.
Go ntse go le foo, Kgosi Galeate o supile matshwenyego ka beng ba dipalamo dingwe tsa setshaba tse di tswang Molepolole di ya Letlhakeng ka jaana ba gana go pega banni ba Serinane le ba meraka e e mo tikologong ka ba re ba fologa mo tseleng. A re beng ba dipagamo bao gantsi ba supa fa bone ba batla bapagami ba ba tlhamalelang ko Letlhakeng.
Fa a latlhela la gagwe, mogolwane wa tsa pharakano mo Letlhakeng, Inspector Lawrence Nkwe a re le bone ba tshwentswe thata ke seemo seo sa bakgweetsi ba ba kgweetsang ka lebelo le le ko godimo ntswa tsela eo e ralala motse.
A re seo se diphatsa mo banning, mme a supa fa ba tsentse seemo leitlho. A re ka jalo ba boloditse letsholo ka go dira dikganedi tsa tsela, mme a ikuela mo badirising ba tsela eo go nna kelelelo ka dinako tsotlhe segolo jang ka tsela eo e saila leruo le le ntsi le le gobeyang mo go yone ka jalo go tlhokega gore mokgweetsi a nne kelotlhoko.
A re mo lebakeng la dikgwedi tse supa, go simolola kgwedi ya Hirikgong go fitlha ya Phukwi monongwaga go nnile le dikotsi mo tseleng eo di le masome a mararo le bone, mme motho a le mongwe a latlhegelwa ke botshelo.
A re ba itemogetse fa bontsi jwa dikotsi tseo di bakilwe ke go kgweetsa go sena kelelelo le lebelo le le kwa godimo ga mmogo le go dirisa nnotagi ka tsela e e feteletseng.
Inspector Nkwe o supile fa ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go leka go busetsa seemo mo taolong, mme a re e tlaa re mo bogaufing ba bitse morafe wa Serinane kwa kgotleng go leka go ba ruta ka ipabalelo tseleng le go abelana megopolo ka fa seemo se ka tokafadiwang ka teng.
Fa a itebaganya le beng ba dipalamo tsa setshaba, Inspector Nkwe a re ga go ka fa molaong gore beng ba dipalamo tsa setshaba ba gane go pega banni ba motse wa Serinane le ba ba mo tikologong, ka jaana teseletso e ba e filweng e ba tlama go pega mongwe le mongwe mo tseleng eo.
A re ba dipalamo tse di sa obameleng melao ya tsa dipalamo ba ka duediswa madi a a seng ka fa tlase ga P400, kana ba amogiwe diteseletso fa ba tsweletse ka go dira jalo, ka jalo a ba gwetlha go sala ditsetlana tsa molao le go dirisana sentle le bapagami. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 20 Aug 2015






