Lekgwapheng o itumelela dikago
20 Aug 2015
Mothusa mogokgo wa sekole se sebotlana sa Lekgwapheng mo Molepolole o tlhalositse fa ba itumelela dikago tse disha tse di agiwang mo sekoleng sa bone, tse di akaretsang matlwana a borutelo le matlo a borobalo ja barutabana.
O ne a tswelela a re le fa di se kake tsa lekana mme gone goromente o lekile fa a kgonang teng, le fa a sa ba fa go tletse ka seatla. Bana ba sekole ba tlaa simolola go nna le matlo a borutelo ba sa ithutele mo tlase ga ditlhare.
Se se tla jaana ka bangwe ba bone ba tsenela ko ntle, ka go na le tlhaelo e kgolo ya matlo a borutelo. Mothusa mogokgo wa sekole Mme Peggy Thebeyadira o bolela fa ba ntse ba na le tlhaelo ya matlo a borutelolo e e kwa godimo.
Se se kgoreletsa bana go ithuta ka le fa morutabana a ruta, ngwana o a bo a sa nna sentle go ka amogela se se a rutiwang. Le go kwala mo bukeng se se buiwang ke morutabana go nna thata, ka bangwe ba kwalela mo maotong ba sena ditafole.
Gape ngwana go motlhofo gore a lebe tse di diragalang kgakala a ntse a le kwa ntle jalo a sa reetse sepe se se buiwang ke morutabana. Bana ba ba senang matlo a borutelo ke ba mophato wa borataro, botlhano, bone le mophato wa boraro. Ba ntse ba sokola segolo thata fa nako ya dipula le fa go le serame thata kgotsa diphefo di tsogile.
Mme Thebeyadira o bolela fa mo bogompienong ba na le matlo a borutelo a le lesome le boferabobedi a a mo tirosong mme ba na le tlhaelo ya a le supa. A a agiwang a mane mme go tlaa tsena bana ba dithuto tse di ko godimo ka gore ke bone ba ba seng bantsi ka palo.
Dikago tse dingwe ke tsa matlo a go tlaa nnang barutabana. Barutabana bangwe ba ntse ba nna ko ntle ga sekole jaanong matlo a masha a tlaa neela ba le lesome le boraro bonno mo sekoleng. Ba ntse ba na le matlo a le lesome fela mo sekoleng a go nnang barutabana.
Se se ne se kgoreletsa barutabana ka gore bangwe ba bone ba nna kgakala le sekole mme fa ba nna ba tla sekoloeg ba tswa kgakala le sekole ba a lapa. Kwa ntleng ga moo ba felela ba patelesega go nna le madi a sepagamo fa ba tla sekoleng le fa ba boa maitseboa morago ga go ruta.
Gape se se kgoreletsa barutabana go nna nako e ntsi mo sekoleng ba thusa bana ka gore ba tshwanetse go ya malwapeng a bone kgakala. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bothe Gambule
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego
Date : 20 Aug 2015






