Breaking News

Mapodise a leboga8232 banni

19 Aug 2015

Mogolwane wa mapodise mo kgaolong ya Borwa Rre Oreeditse Mautle o lebogetse banni ba kgaolo ya Goodhope – Mabule go itshwara sentle ka nako ya ditlhopho tse di sa tswang go tshwarwa ka mafelo a beke.

Rre Mautle o tlhalosistse fa go itshwara sentle ga banni ba, go nnile le seabe mo go reng tsamaiso ya ditlhopho tsa bopalamente tsa Good Hope -Mabule e tsamae ka thelelo go sena bothata bope .

Rre Mautle o buile jalo mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA, a re e le ba sepodise ba ne ba le malala a laotswe ebile ba dirile ipaakanyo ya maemo a ntlha.

Rre Mautle a re go balwa ga ditalama le thomamiso ya tsone go tsere lebaka le le leele, batlhophi ba kgaolo eo ba ne ba tletse ka boitumelo, ba opela ba letetse maduo kwa ntle ga terata ya kwa go neng go balelwa ditalama teng bosigo jothe le letsatsi le le latelang.

A re mo bosigong ja tetelo go ne ga nna o kare go tla tsoga lesukasuka mme a tswelela ka gore le fa go ntse jalo ba sepodise ba ne ba kgona go busetsa seemo mo taolong.

O tsweletse a re o kopa Batswana gore ba tswelele ka mowa oo wa neelano le tirisano mmogo gore ditiro di kgone go dirwa go sena makgwere ape. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : Lobatse

Event :

Date : 19 Aug 2015