Breaking News

Ipelegeng e tokafatsa itsholelo ya motse

19 Aug 2015

Lenaneo la Ipelegeng le tsweletse ka go tswa tema mo metseng ka go farologana.

Kwa Mmutlane mo kgaolo potlaneng ya Mahalapye, lenaneo leo le bolelwa ka go tokafatsa itsholelo.

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Malatsi Malatsi o boletse fa dikatso tse di fiwang badiri ba Ipelegeng di dira gore madi a kgone go nna mo motseng gape a dirisediwe mo motseng go na le gore batho ba ye go tsaya madi mo metseng e e gaufi mme ba a dirisetse koo.

O kaile fa banni ba motse ba kgonne go bula dimausu gore badiri ba Ipelegeng ba kgone go reka tse ba di tlhokang mo go bone mme madi a a amoganwe mo motseng go tokafatsa matshelo.

O tlhalositse gape gore dikatso tsa Ipelegeng di thusa batsadi ba bana ba bone ba nnang kwa ditoropong mme ba sa ba romelele madi gore ba kgone go itshetsa.

Modulasetilo o ne gape a galaletsa lenaneo la go apeela badiri ba Ipelegeng, a tlhalosa fa baapei ba kgona go ikagela matlo ka dikatso tsa go apeela badiri.

Fa a bua ka ditlhabololo tse di dirilweng ka lenaneo la Ipelegeng mo motseng, Rre Malatsi o tlhalositse fa badiri ba ba thapilweng ka lenaneo la Ipelegeng ba kgonne go agelela mabitla a motse ka terata, go phepafatsa motse ka go rema ditlhare, go epa le go agelela lehuti la motse.

Tse dingwe tsa ditlhabololo tse di dirilweng ka thuso ya lenaneo la Ipelegeng o boletse fa e le kago ya diofisi tsa kgotla, kago ya matlo a a hirisiwang a komiti ya ditlhabololo le go aga loobo lwa kgotla.

Go sale foo, Rre Malatsi o tlhalositse fa komiti ya ditlhabololo tsa Mmutlane e kgonne go aga poso e potlana e e setseng e tsene mo tirisong mme gompieno komiti ya ditlhabololo e mo letsholong la go aga ntlwana ya go apeela borotho e ba tlaa e dirisang go kokotleletsa letlole la komiti.

Modulasetilo o boletse fa dingwe tsa ditiro di tshwana le go aga diofisi tsa badirelapuso ba sa di neelwa mme ba na le tsholofelo ya gore ba tlaa di neelwa fa nako e ntse e tsamaya. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Phidson Mojokeri

Location : Mmutlane

Event : Potsolotso

Date : 19 Aug 2015