Ba lela ka dimausu
19 Aug 2015
Baagi ba motse wa Metsimotlhabe ba lela selelo sa khuranyo ya meno ka beng ba dimausu ba motse oo ba ba reng ba tlatsatlatsa matlakala kwa maemelong a dipagamo a motse.
Banni ba buile seo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke modulasetilo wa khansele-potlana ya Thamaga-Mogoditshane Rre Duncan Ramasiagopana kwa motseng oo.
Banni ba re dimausu tse di folodisa maiteko a go phepafatsa motse ka lenaneo la Ipelegeng mme ebile di dirisiwa ke dirukutlhi go iphitlha ka ebile go lemogilwe fa dingwe tsa tsone di rekisa motokwane.
Mothusa kgosi Rre Maganelwa Mmipi le ene o supile fa seemo se sa mo jese monate segolo jang ka lefelo leo le le mo matlhong a setshaba le baeng tota.
Mongwe wa banni, Mme Segomotso Gobuiwang o dumalane le mafoko a ga kgosi mme a re ga se kgang ya dimausu fela. A re motse wa Metsimotlhabe ga o lebege ka o tletse ka matlakala a tshwana metseto ya bana le dithaere tse di latlhelwang mo nokeng ya motse oo.
Banni ba ne ba tsweletse ka go kopa khansele gore dimausu tseo di ntshiwe bogolo bagwebi ba dirise mekhukhu ya nakwana e ba ka tsamayang ka yone fa ba golola maitseboa.
Fa a tswa la gagwe modulasetilo Rre Ramasiagopana o ile a dumalana le se se builweng ke morafe a re o iponetse seo fa a tsena ka motse a re go tshwanetse ga buiwa le bone bagwebi bao.
Le fa go ntse jalo a re bone e le makhanselara ga ba na thata epe e ba e filweng ke molao go ka koba batho ba, a re o tlaa isa kgang eo kwa go ba ba lebaneng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Thabiso Keiphetlhetswe
Location : Metsimotlhabe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 Aug 2015






