Breaking News

Batsadi ba kopiwa go kgalema8232

19 Aug 2015

Kgosi Bokau Tobe  wa Malwelwe mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng, a re o tshwentswe thata ke boitseme jwa batsadi bangwe ba motse wa gagwe, ba ba itlhokomolositseng go kgalema le go kaela bana ba bone tsela ya nnete.

Kgosi Tobe o ntshitse matshwenyego a mo potsolosong bosheng. A re motse wa gagwe ga o a robalelwa ke ditlhokwa ka ntlha ya botlhoka tsebe jo bo kwa godimo fela thata mo bananeng, mme a kaya fa se se dirwa segolo bogolo ke go tlhoka kgalemo e e nonofileng go tswa mo botsading.

A re banana mo motseng ba ikamantse thata le go dira ditiro tse di fatlhang, jaaka go itontela nnotagi le ditagi, mme a supa batsadi ka monwana a re ke bone ba tlhotlheletsang go nwa phetelela ga banana ka le bone ba a nwa mo matlhong a bone,a gatelela ka gore tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng.

Kgosi Tobe a re se se mo tshwenyang le go feta ke gore,bana ba ba santseng ba le mo sekoleng le bone ba inaakantse le nnotagi mme ebile ba e rekisediwa ke batsadi ba bone,ba go solofetsweng gore e nne bone ba ba kgalemelang le go ba kaela tsela e e tlhamaletseng.

A re jaanong go supega fa banana ba sa tlhole ba kgathala ka bokamoso jwa bone ka ba ipeile fela mo go tlholeng ba bonwa ba le mo majwaleng.

A re le mananeo a puso e a ntshitseng go leka go tokafatsa matshelo a bone ga ba supe kgatlhego mo go one ntswa bontsi bo santse bo aperwe ke lehuma.Kgosi Tobe a re le fa a dira maiteko a go bitsa batsadi go buisanya ka boitsholo jwa banana, bangwe ba re bana ba ba paletse, ba kaya fa melao ya ditshwanelo tsa bana e e tlhamilweng ke puso e le yone e rotloetsang maitsholo a a makgapha mo bananeng ka ba sa kgalemelesege ba ikgantsha ka go bo ba na le ditshwanelo.

Kgosi o ne a kgala le go nyatsa seipato seo a kaya fa motsadi yo o nang le boikarabelo ebile a kgathala ka bokamoso jwa ngwana wa gagwe a ka se palelwe ke go mo kaela tsela ya nnete le ntswa go na le kgang ya ditshwanelo tse di ba sireleditseng.O ikuetse mo batsading go iphutha metlhala ka go dira tse dintle gore ba nne sekao mo baneng.

A re fela jaaka Motswana wa pele a supile gore lore lo ojwa lo sale metsi, batsadi ba tshwanetse go ruta bana boitsholo jo bo ntle. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : Letlhakeng

Event : Potsolotso

Date : 19 Aug 2015