Breaking News

Katoloso ya sekole sa Mahupu e tsweletse 8232sentle

19 Aug 2015

Thulaganyo ya go godisa sekole sa Mahupu kwa Takatokwane go nna sengwe sa tse dikgolwane e tsweletse sentle mme go solofetswe gore sekole seo se amogele e le la ntlha baithuti ba mophato wa bone ngwaga o o tlang.

Seo se tlhomamisitswe ke mogolwane mo ofising ya thuto kwa Letlhakeng, Rre Ndineni Mbuso jaaka a ne a lekodisa makhanselara a kgaolo-potlana ya Letlhakeng ka tswelelopele ya tiro eo fa ba etetse sekole seo go lekola tiro.

Rre Mbuso o supile fa sekole sa Mahupu e le sengwe sa dikole tse di kgethilweng mo Botswana go itebaganya le go godisa talente ya baithuti ba ba dirang sentle mo go tsa mabelo, metshameko le tsa botaki, ka jalo a supa fa go tlaa agiwa mabala a metshameko a boleng jo bo kwa godimo fela thata.

Rre Mbuso a re ka jaana ba itemogetse fa tlhaelo ya metsi e le kgwetlho e kgolo mo kgaolong, ba tsweletse ka go dira maiteko a go phunya sediba mo sekoleng gore e re mo isagong fa sekole se se lebanwe ke tlhaelo ya metsi go seka ga nna le kgoreletsego mo thutong ya bana.

E rile a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole seo, Rre Khan Masau a re bodiredi mo sekoleng bo eme malala a laotswe mo dipaakanyetsong tsa go amogela baithuti ba mophato wa bone, a kaya fa bangwe ba setse ba etetse dikole tse dikgolwane di le mmalwa go ya go tsaya malebela.

A re ba setse ba tlhamile dikomiti di le mmalwa go thusa mo dipaakanyetsong gore tiro e nne motlhofo. 

O solofeditse fa e tlaa re mo bogaufing ba ikgolaganye le bogogi jwa motse le morafe go tla go bua ka paka e sekole se tlaa e dirisang, mme ka jalo a gatelela botlhokwa jwa tshwaragano magareng ga bodiredi jwa sekole le setshaba.

Moemedi wa kompone ya Red East Construction e e itebagantseng le tiro ya kago, Rre Dean Lin o supile gore legato la ntlha la dikago tse le tlaa wela kgwedi ya Tlhakole mo ngwageng o o tlang mme sekole se kgone go amogela baithuti.

A re legato la bobedi ebile e le la bofelo lone le tlaa wela mo kgweding ya Ngwanaatsele ngwaga o o tlang.

Mongwe wa makhanselara, Rre Tshabahule Kgotlhang yo e leng mokhanselara wa kgaolwana ya Ditshegwane/Maboane a re o kgotsofaditswe ke kgatelopele e a e bonang e e akaretsang go agiwa ga matlo a borutelo, a boroko jwa baithuti le a bodiredi mo sekoleng mme a supa fa a na le tumelo ya gore e tlaa re mo ngwageng o o tlang sekole se kgone go amogela baithuti.

O supile fa go godisiwa maemo ga sekolo sa Mahupu, e le maiteko a mantle fela thata a puso ebile go tlaa seke go tswele banni ba Takatokwane ba le nosi mosola mme go tlaa thusa kgaolo yotlhe. 

A re baithuti ba kgaolo eo ba tsena kwa mafelong a a kgakala, selo se a reng se paledisa botsadi go tshwaraganela thuto ya bana le barutabana. 

O kaile fa jaanong batsadi ba tlaa kgona go lekola tiro ya baithuti gaufi.

Modulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng, Rre Thomas Batlhophi o supile fa le ene a itumeletse kgatelopele ya tiro eo mme a gwetlha ba-na-le-seabe botlhe go itoma molomo wa tlase le go abelana kitso gore tiro e seka ya imela ope mme e wele ka nako. Bokhutlo

 

 

 

 

 

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : Letlhakeng

Event : Tekodiso

Date : 19 Aug 2015