Ba re masea a seka a bolokelwa mo malwapeng
19 Aug 2015
Babirwa ba dumalane ka tshwetso e e sa tswang go tsewa ya go emisa go bolokela masea mo malwapeng.
Mo thulaganyong e ntsha, masea a tlaa bolokelwa kwa mabitleng fela jaaka mongwe le mongwe.
Kgosi Mmirwa Malema o tlhaloseditse BOPA mo potsolotsong fa e rile ka Hirikgong Babirwa ba dumalana le tshwetso ya gore bana ba ba tlhokafalang ba bolokelwe kwa mabitleng go sa kgathalesege gore ba dingwaga di kae.
Kgosi a re tshwetso e, e tserwe go lebilwe ditlhabologo tsa botshelo ka kakaretso.
Kgosi Mmirwa o boletse fa mo nakong ya gompieno batho ba rekisa ditsha mme batho ba ba rekiseditsweng ditsha ba sale ba epolola mabitla a fa ba di tlhabolola.
Kgosi Mmirwa o boletse fa tshwetso e e ama metse yotlhe e e lesome le motso ya Bobirwa e bile morafe o e amogetse ka diatla tsoo-pedi, ka o itemogetse fa go bolokela masea mo lapeng go siilwe ke nako e bile bangwe ba sa tlhole ba dumela mo meileng e e neng e itsa batho go dira ditiro dingwe ka e ne e le mokgwa wa go laola boitshwaro jwa batho fela.
E re go ntse jalo, banni ba kgaolwana ya Bobirwa ka go farologana ba ntshitse maikutlo a bone ba ema nokeng tshwetso e.
Mme Marea Moladelo o tlhalositse fa kgang e e tsile ka nako e e maleba go lebilwe gore batho ba dira ditlhabololo mo malwapeng jaaka go a atolosa, mo go felelang baagi ba epolola mabitla a ka go tlhoka kitso ka mabitla mangwe ke a bogolo e bile go se na yo o nang le kitso ka one.
Rre Joseph Goitsemang o galaleditse tshwetso e, a re setshaba se tshwanetse go lemoga fa go fitlhela masea mo lwapeng e le selo sa maloba, ka jalo ba tshwanetse go itepatepanya le ditlhabololo tsa segompieno jaaka malwapa a setse a tsewa jaaka kgwebo; a kgona go hirisiwa, mme go se motho yo o ka eletsang go hirisa lolwapa lo lo tletseng mabitla ka go boifisa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kago Kgosietsile
Location : Bobonong
Event : Potsolotso
Date : 19 Aug 2015






